DIPESALEME 52 - Setswana 1970(TSW70)

Go latlhega loleme lwa tsietso

1Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi,

2jale fa Doege wa Moetomo a tla go Saule, a mmolelela a re: “Dafita o tsenye mo ntlong ya ga Ahimelege.”

3O ipokelang ka bosula,

seganka ke wena?

Bopelotlhomogi jwa Modimo

bo nnetse ruri.

4Motsietsi ke wena,

loleme lwa gago

lo loga maano a tshenyo,

jaaka logare lo lo looditsweng.

5O rata bosula bogolo go molemo;

o rata maaka bogolo go

boammaaruri. Sela.

6O kgatlhwa fela ke mafoko

a a senyang,

loleme lwa tsietso ke wena.

7Ka moo, Modimo o tla go digela

ruri, o go tshwara,

o go swatola mo tenteng ya gago;

o tla go kumola ka medi

mo lefatsheng la baphedi. Sela.

8Basiami ba tla bona, ba boifa;

mme ba tla mo tshega ba re:

9“Bonang, monna su,

yo o sa dirang Modimo botshabelo

jwa gagwe,

mme o ikantse bogolo jwa khumo

ya gagwe,

a ithatafatsa ka bopelotshetlha

jwa gagwe.”

10Mme nna ke tshwana le motlhware

o motalatala

mo Ntlong ya Modimo.

Ke ikantse bopelotlhomogi

jwa Modimo

ka gale le ka bosakhutleng.

11Ke tla go baka ka gale,

ka o dirile jalo;

ke tla lebelela leina la gago;

gonne le molemo

fa pele ga barategi ba gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help