JOBE 9 - Setswana 1970(TSW70)

Jobe o a araba

1Jobe a fetola a re:

2“Ke nnete.

Ke a itse gore go ntse jalo.

Motho o ka nna jang mosiami

fa pele ga Modimo?

3Fa a rata go ganetsanya naô,

a ka palelwa le ke go o araba

potso e le nngwe fela

mo go di le sekete.

4Modimo o pelo-e-botlhale,

o thata nonofong.

Ke mang yo o kileng a o ganetsa,

a se ka a bona petso?

5Dithaba o a di sutisa,

go sa lemogiwe;

o di ribegetsa ka bogale jwa ona.

6Lefatshe o a le roromisa,

le tswe mo felong ga lone;

maotwana a lone a be a reketle.

7Letsatsi o a le laela,

mme le se ke le tlhabe;

dinaledi o a di bipa,

di se ke di bonale.

8Legodimo o le tsharolola

o le osi,

o gate mo godimo ga dintelo

tsa lewatle.

9O dirile dinaledi

tsa ‘Bere e kgolo’

le tsa ‘Dikolobe’ le tsa ‘Selemela’

le tsa ‘Sefapaano’

kwa ntlheng ya borwa.

10O dira tse dikgolo

tse di se nang botlhotlhomiso

le dikgakgamatso

tse di se nang palo.

11Bonang! O a mpheta,

ke sa o bone;

o a tlhaga, ke sa o lemoge.

12Bonang, fa o amoga,

o ka thibelwa ke mang?

Ke mang yo o ka o botsang

a re:

‘O dira eng?’

13Modimo ga o buse

bogale jwa ona;

bathusi ba kgogela tlholegong

ba ne ba o ikokobeletsa.

14Jaanong nna ke mang

yo nka o fetolang?

Nka tlhopha jang

mafoko a a o tshwanetseng?

15Le fa nka bo ke le yo o siameng,

ga ke na go o araba.

Ke na le go kopa bopelotlhomogi

mo go Moatlhodi wa me.

16Fa ke o bitsa, o sa nkarabe,

ga ke dumele gore o tla reetsa

lentswe la me.

17Kana o ka mpšhwetla ka ledimo,

wa ntsifatsa dintho tsa me

ka bomo.

18Ga o ke o mpha nako

ya go ka busa mowa,

mme o nkgorisa matlhoko

a a galakang.

19Fa go lebilwe thata

ya yo o tiileng,

ona o na nayo.

Fa go lebilwe tshiamo,

ke mang

yo o ka biletsang ona tshekong?

20Le fa nka bo ke le yo o siameng,

molomo wa me

o ka bo o nkatlhola

ke le moikepi;

le fa ke se na molato,

ona o ka mpona molato.

21Ga ke na molato!

Mme ga ke tlhole ke ikitse.

Bophelo jwa me ke a bo nyatsa.

22Go tshwana fela!

Ke ka moo ke reng:

Ona o fedisa mosiami

jaaka moikepi.

23Fa kotlo ya Modimo

e bolaya ka tshoganyetso,

o tshege tsholofologo

ya ba ba se nang molato.

24Lefatshe o le neetse mo diatleng

tsa moikepi;

o bipa difatlhego

tsa baatlhodi ba lone.

Fa e se ona, go dira mang?

25Malatsi a me a fetile ka lobelo

lwa go sia motabogi;

a tshabile a ise a bone

tse di molemo.

26A ile ka bobebe

jwa mekoro ya lotlhaka

jaaka fa lenong

le fologela kwa dijong.

27Fa nka re:

‘A nke ke lebale selelo sa me,

ke fetoge sefatlhego

se se tlhontseng,

e nne se se thabileng;’

28ke gona ke tshogang

matlhoko a me otlhe.

Ke a itse gore ga o nke o nkaya

yo o se nang molato.

29Ke tshwanetse

ka bo ke le molato.

Ke itapisa felafela

ka lebaka la eng?

30Le fa ke le yo o tlhapang

ka semathana;

le fa ke tlhapa diatla ka molora:

31Wena o tla ntatlhela seretseng

gore ke tene diaparo tsa me.

32Gonne ona ga se motho ka nna

yo nka mo fetolang,

yo nka yang nae kwa tshekong.

33Ga go motsereganyi

fa gare ga rona

yo o ka bayang seatla sa gagwe

mo go ona le mo go nna.

34A o tlose thupa ya ona

mo go nna!

Theregiso ya ona

a e se ka ya ntshosa!

35Foo nka bo ke bua, ke sa o boife;

kana maikutlo a me

a tletse poifo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help