BAROMA 4 - Setswana 1970(TSW70)

Aborahame o siamisitswe ka tumelo

1Mme jaanong re ka botsa re re: Aborahame, rraetsho-mogolwago-lwane ka fa nameng, o bonye eng?

2Kana fa Aborahame a ka bo a siamisitswe ka ditiro, o ka bo a na le pelafalo, fela e seng fa pele ga Modimo.

3Gonne Lokwalo lo a reng? Lo a re: “Aborahame o ne a dumela Modimo, mme ka moo a kaiwa mosiami.”

4Yo o dirang, tuelo ga a e balelwe ka fa bopelotlhomoging, mme e le ka fa selekanyong.

5Mme ene yo o sa direng, mme a dumela mo go ene yo o siamisang moikepi, ene tumelo ya gagwe e tla kaiwa tshiamo,

6fela jaaka Dafita a bua ka ga lesego la motho yo Modimo o mo kayang mosiami kwa ntle ga ditiro a re:

7“Go sego bone ba ditshiamololo

tsa bone di itshwaretsweng,

ba dibe tsa bone di bipilweng.

8Go sego monna yo Morena

a sa mmaleleng molato wa boleo

ka gope.”

9Jaanong lesego leo a ke la ba ba rupileng fela, a kampo ke la ba ba sa rupang le bone? Gonne ra re: “Aborahame tumelo ya gagwe e kailwe tshiamo.”

10Mme kana o ne a kaiwa mosiami a ntse jang? A ke fa a setse a rupile, gongwe a ise a rupe? Ga se fa a rupile, mme ke fa a ise a rupe.

11Sesupo sa go rupa o ne a se amogela go nna sekano sa tshiamo ya tumelo e o neng a na nayo a ise a rupe, gore a nne rraabone botlhe ba ba dumelang, le fa ba sa rupa, gore le bone ba kaiwe basiami;

12le gore a nne rraabone ba ba rupileng, e seng ka go rupa fela, mme le ka go tsaya motlhala wa tumelo ya ga rraetsho Aborahame, a ise a rupe;

13gonne tsholofetso ya go re, o tla nna morua-boswa wa lefatshe, ga e a newa Aborahame gongwe losika lwa gagwe ka molao, mme ke ka tshiamo ya tumelo.

14Kana fa ba e leng ba molao e ka nna bone barua-boswa, foo tumelo e tla bo e se na thuso epe, le tsholofetso e tla bo e dirolotswe.

15Gonne molao o tsosa bogale, mme kwa go se nang molao teng, tlolo le yona ga e yo teng.

16Ka moo boswa bo tla ka tumelo gore e nne ka fa bopelotlhomoging, e le gore tsholofetso e tlhomamele bana botlhe, e seng fela ba e leng ba molao, mme le bone ba tumelo ya ga Aborahame yo e leng rraarona rotlhe,

17jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke go dirile rra merafe e mentsi;” Aborahame ke rraarona fa pele ga ona Modimo o a o dumetseng, o o phedisang baswi, o bile o bitsa dilo tse di se yong jaaka e kete di teng;

18yo e rileng tsholofelo e sa tlhole e le teng, a dumela ka tsholofelo, gore a tle a nne rra merafe e mentsi ka fa go builweng ka teng ga twe: “Losika lwa gago lo tla nna jalo.”

19Mme ga a ka a koafala mo tumelong, fa a leba mmele wa gagwe o o setseng o onetse, dinyaga tsa gagwe e le tse di ka nnang lekgolo, le mmele wa ga Sara o o setseng o onetse.

20A se ka a belaela tsholofetso ya Modimo ka go sa dumeleng, mme bogolo a tia mo tumelong, a tlotla Modimo,

21a dumela ka botlalo gore se Modimo o se solofeditseng, o bile o nonofile go se dira.

22Ka ntlha ya moo tumelo e bile ya kaiwa tshiamo ya gagwe.

23Jaanong ga go a kwalwa ka ntlha ya gagwe fela gore tumelo e kailwe tshiamo ya gagwe,

24mme e bile ke ka ntlha ya rona, ba re tla kaiwang jalo, e bong rona ba re dumelang mo go ona o o tsositseng Jesu Morena wa rona mo baswing,

25yo o neng a neelwa losong ka ntlha ya ditlolo tsa rona, a ba a tsosediwa go siamisiwa ga rona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help