NUMERI 29 - Setswana 1970(TSW70)

Ditlhabelo tsa Ngwaga o Mošwa(Lef. 23:23-25)

1“ ‘Le ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa lo nne le kgobokano e e boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone; a e nne letsatsi la tumo ya diphala mo go lona.

2Lo direle Morena setlhabelo sa phiso sa monko o o monate sa poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole,

3mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana le dikarolo di le pedi tsa lesome mmogo le phelehu,

4le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di supa

5le setlhabelo sa boleo sa phoko e le nngwe gore lo direlwe thuanyo,

6kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa kgwedi le tshupelo ya dijo ya teng le kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le ditshupelo tsa noo tsa tsona jaaka di tshwanetse, go nna tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng.

Ditlhabelo tsa letsatsi la thuanyo(Lef. 23:26-32)

7“ ‘Le ka letsatsi la lesome la kgwedi ya bosupa eo lo nne le kgobokano kwa Felong-ga-Boitshepo, lo itshôlê; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone.

8Mme lo isetse Morena setlhabelo sa phiso sa monko o o monate sa poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe; a e nne tsa lona tse di se nang bogole;

9mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana le dikarolo di le pedi tsa lesome le phelehu

10le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di supa

11le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa boleo sa letsatsi leo la thuanyo le sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya sona le ditshupelo tsa noo tsa tsona.

Ditlhabelo tsa Moletlo wa Metlaagana(Lef. 23:33-44)

12“ ‘Le ka letsatsi la 15 la kgwedi eo ya bosupa lo nne le kgobokano e e boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone, mme lo direle Morena Moletlo malatsi a supa.

13Lo isetseng Morena setlhabelo sa phiso, setlhabelo sa molelo sa monko o o monate, e bong dipoana di le 13 le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe; a e nne tse di se nang bogole;

14mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana nngwe le nngwe ya dipoana di le 13 le dikarolo di le pedi tsa lesome le phelehu nngwe le nngwe ya diphelehu tse pedi;

15le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di le 14

16le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.

17“ ‘Ka letsatsi la bobedi lo tlhabeleng dipoana di le 12 le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole

18mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse,

19le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya sona le ditshupelo tsa noo tsa tsona.

20“ ‘Ka letsatsi la boraro le tlhabeleng dipoana di le 11 le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole

21mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse

22le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.

23“ ‘Ka letsatsi la bone lo tlhabeleng dipoana di le some le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole,

24mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse

25le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.

26“ ‘Ka letsatsi la botlhano lo tlhabeleng dipoana di le robongwe le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole

27mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse

28le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.

29“ ‘Ka letsatsi la borataro lo tlhabeleng dipoana di le robedi le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole

30mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse

31le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.

32“ ‘Ka letsatsi la bosupa lo tlhabeleng dipoana di supa le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole

33mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse

34le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.

35“ ‘Ka letsatsi la robedi lo nne le kgobokano ya Moletlo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone.

36Lo isetseng Morena setlhabelo sa phiso, e bong setlhabelo sa molelo sa monko o o monate sa poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole;

37mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa poana le phelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse;

38le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.

39“ ‘Ke tseo lo tshwanetseng go di direla Morena ka malatsi a Meletlo ya lona kwa ntle ga tsa maikano a lona le tsa bogalona, le fa e le ditlhabelo tsa phiso gongwe ditshupelo tsa dijo gongwe tsa noo gongwe ditlhabelo tsa tebogo.’ ”

40Moše a di bolelela Baiseraele fela jaaka Morena a mo laetse.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help