DIPESALEME 39 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo ya motho a le mo dithaelong

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng Jeduthune, moopedisi.

2Ke rile:

“Ke tla tlhokomela ditsela tsa me

gore ke se leofe ka loleme lwa me;

ke tla bofa molomo wa me

ka mogala,

ka moikepi a sa ntse

a le fa pele ga me.”

3Ke ne ke le semumu ka tidimalo;

ke ne ke didimala,

ke se na molomo,

mme botlhoko jwa me

jwa butsologa.

4Pelo ya me

e ne e gotela mo teng ga me,

molelo o tuka ka go akanya ga me,

ke bua ka loleme lwa me ka re:

5“Morena,

nkitsise bokhutlo jwa me,

le selekanyo sa malatsi a me

gore ke sefe,

ke tle ke lemoge

ka fa ke felang ka teng.”

6Bona, o lekantse malatsi a me

ka dikatlhamo tsa seatla;

sebaka sa bophelo jwa me

ga se sa sepe fa pele ga gago.

Ee, motho mongwe le mongwe

yo o leng teng

ke wa lefelafela la mmatota. Sela.

7Ruri, motho o tsamaya

jaaka moriti,

ruri ba itlhobaeletsa boithamako;

o kgobela mahumo,

mme ga a itse

gore a tla jewa ke mang.

8Mme jaanong, Morena,

ke lebeletse eng?

Tsholofelo ya me e mo go wena.

9Nkgolole

mo ditlolong tsa me tsotlhe,

o se ka wa ntira kgobo ya masilo.

10Ke didimetse, ga ke tswe molomo;

gonne go dirile wena.

11Tlosa petso ya gago mo go nna;

ke nyelediwa ke titeo

ya seatla sa gago.

12Fa o watlhaya motho ka dipetso

ka ntlha ya tshiamololo,

o nyeletse bontle jwa gagwe

jaaka motoutwana;

ee, motho mongwe le mongwe

ke pudulo fela. Sela.

13 Morena, utlwa thapelo ya me,

o reetse go tlhaeletsa ga me;

se didimalele dikeledi tsa me;

gonne ke moeng fa go wena,

ke mojaki jaaka borre botlhe.

14Thibosa matlho a gago mo go nna

gore ke itumele,

ke ise ke tswe mono,

ka nna yo o sa tlholeng a le teng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help