DOITERONOMIO 17 - Setswana 1970(TSW70)

1“O se ka wa tlhabela Morena, Modimo wa gago, kgomo gongwe sefutshane se se nang le bogole, le fa e le bofe jo bo sa siamang; gonne go dira jalo ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago.

2“E re fa go fitlhelwa monna gongwe mosadi mo gare ga gago mo metseng ya gago e Morena, Modimo wa gago, o tla e go nayang, e le yo o dirang tse di bosula mo matlhong a Morena, Modimo wa gago, ka go tlola kgolagano ya gagwe,

3a ya a direla medimo e sele, a e obamela, le fa e ka nna letsatsi gongwe ngwedi gongwe lesomo lotlhe la legodimo – mo ke sa go laelang –

4mme o begelwa jalo, o utlwa, gona o tlhotlhomise sentle. Jaanong fa o fitlhela e le nnete, e se magatwe fela, mme makgapha ao a dirilwe mo go Iseraele,

5gona monna yoo gongwe mosadi yoo yo o dirileng se se bosula seo, o mo ntshe mo metseng ya gago, e bong monna yoo gongwe mosadi yoo, mme a a kgobotlediwe ka majwe gore a swe.

6Yo o ntseng jalo a a bolawe ka tshupo ya basupi ba le babedi gongwe ba le bararo; a se ka a bolawa ka tshupo ya mosupi a le mongwe fela.

7A diatla tsa basupi di mo tsholeletse majwe pele go mmolaya, mme morago ga moo diatla tsa morafe. O tlose bosula jalo mo gare ga gago.

8“E re fa kgang ya tsheko e go palela ka ga polao gongwe kganetsanyo gongwe dintho, le fa e le dikgang dife mo metseng ya gago, gona o nanoge o ye kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang,

9o fitlhe kwa baperesiting ba Balefi le kwa moatlhoding yo o tla bong a le teng ka sebaka seo, o ba botse; bone ba tla go itsise katlholo.

10Jaanong o dire ka fa katlholong e ba tla e go itsiseng ba le felong fa Morena o tla go tlhaolang, o be o tlhokomele go dira fela jaaka ba go ruta.

11O dire ka fa molaong o ba tla o go rutang le ka fa katlholong e ba tla e go bolelelang. O se ka wa fapoga mo lefokong le ba tla le go bolelelang go ya ntlheng ya le le jang gongwe ntlheng ya la molema.

12Mme monna yo o dirang ka boitaolo, a sa utlwe moperesiti yo o emetseng go direla Morena, Modimo wa gago, teng gongwe moatlhodi, monna yoo o tshwanetse go swa. O tlose bosula jalo mo go Iseraele.

13A morafe otlhe o utlwe, o boife, mme o se ka wa tlhola o itaola.

Ditshwanelo tsa kgosi

14“Fa e ka re o sena go tsena mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang le go le rua le go nna mo go lone, o a re: ‘Ke rata go ipeela kgosi jaaka go dira ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya me,’

15gona o ipeele kgosi e Morena, Modimo wa gago, o tla e tlhophang; e bong kgosi e e leng mongwe wa ba ga eno; ga o a tshwanela go ipeela monna wa setšhaba se sele yo e seng wa ga eno.

16Fela e se ka ya nna le dipitse tse dintsi, le gona e se ka ya romela batho ba morafe kwa Egepeto go ya go bapala dipitse; ka gonne Morena o lo reile a re: ‘Lo se ka lwa tlhola lo boa gape ka tsela eo.’

17Le gona e se ka ya tsaya basadi ba bantsi, e se re gongwe pelo ya yona ya fapoga. E se ka ya ikgobokanyetsa selefera le gouta tse dintsi thata.

18E re e ntse e dutse mo sedulong sa yona sa bogosi, a e ikwalele mafoko a molao oo mo lokwalong, e a ntshe mo lokwalong lo lo mo tisong ya baperesiti ba Balefi.

19A e nne nalo, e lo buise ka malatsi otlhe a botshelo jwa yona gore e ithute go boifa Morena, Modimo wa yona, le go tlhokomela mafoko otlhe a molao oo le a melao eo go dira ka yona,

20e se re gongwe pelo ya yona ya ikgodisetsa ba ga yona, ya fapoga mo taelong e go ya ntlheng ya le le jang gongwe ntlheng ya la molema gore malatsi a bogosi jwa yona a nne mantsi mo go Iseraele, a yona le a bona ba yona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help