SAGARIA 5 - Setswana 1970(TSW70)

Pono ya borataro le ya bosupa: Lokwalo lo lo fofang le seelo sa boikepo

1Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona lokwalo lo lo potokilweng lo fofa.

2Mme a nthaya a re: “O bona eng?” Ka re: “Ke bona lokwalo lo lo potokilweng lo fofa; boleele jwa lone ke mabogo a le 20, bophara ke mabogo a le some.”

3A ba a nthaya a re: “Ke khutso e e tswelang mo lefatsheng lotlhe; gonne mongwe le mongwe yo o utswang o tla tlosiwa mono ka fa khutsong eo, le mongwe le mongwe yo o ikanang ka maaka o tla tlosiwa jalo mono.

4Morena wa masomosomo o bua a re: ‘Ke a lo ntsha gore lo tsene mo ntlong ya legodu le mo ntlong ya yo o ikanang ka leina la me ka maaka, lo be lo lale mo teng ga ntlo ya gagwe, lo e nyeletse ditlhomeso mmogo le dipotana.’ ”

Pono ya mosadi yo o mo tsageng

5Jaanong moengele yo o buang le nna a nkatamela, a nthaya a re: “A ko o tsholetse matlho, o bone se se tswang fale.”

6Nna ka re: “Ke eng?”

A araba a re: “Se se tswang fale ke tsaga;” a ba a re: “Ke yona tshiamololo ya bone mo lefatsheng lotlhe.”

7Mme ya re sekhurumelo sa tshipi e e bokete se khurumololwa, ga bonala mosadi a ntse mo teng ga tsaga.

8Ke fa a re: “Ke jona boikepo;” a ba a mo latlhela gape mo teng ga tsaga, a ba a latlhela sekhurumelo sa tshipi e e bokete mo molomong wa yona.

9Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona basadi ba le babedi ba tlhaga, go le phefo mo diphukeng tsa bone; ba na le diphuka tse di tshwanang le diphuka tsa makololwane, ba tloga ka tsaga ba fofa fa gare ga lefatshe le legodimo.

10Ke fa ke raya moengele yo o buang le nna ke re: “Ba isa tsaga kwa kae?”

11A nkaraba a re: “Ba rata go mo agela ntlo mo lefatsheng la Sineare; fa ba sena go e fetsa, o tla tsenngwa teng mo bonnong jwa gagwe.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help