DIPESALEME 108 - Setswana 1970(TSW70)

Go baka Modimo le go kopa thuso

1Sefela. Pesalome ya ga Dafita.

2Modimo, pelo ya me e etleetsegile;

ke rata go opela le go letsa kwadi.

Thanya, mowa wa me!

3Tsogang harepa le katara,

ke rata go tsosa mahube.

4 Morena,

nte ke go leboge mo merafeng,

ke go leletse mo ditšhabeng.

5Gonne bopelontle jwa gago

bo bogolo go feta legodimo;

boammaaruri jwa gago

bo fitlha kwa marung.

6Modimo, itlhatlosetse kwa godimo

ga magodimo;

a kgalalelo ya gago

e okame lefatshe lotlhe.

7Thusa ka letsogo le le jang la gago,

o nkutlwe gore baratwa ba gago

ba pholosiwe.

8Modimo o ne wa bua mo Felong-ga-Boitshepo ga ona wa re:

“Ke tla ipela,

ke kgaoganya Šegeme,

ke lekanya mokgatsha wa Sukothe.

9Gileate ke wa me,

le Manase ke wa me;

Eferaime ke phemelo

ya tlhogo ya me;

Juta ke thobane ya me ya bogosi.

10Moabe ke mogopo

o ke tlhapelang mo go ona;

setlhako sa me

ke se latlhela mo go Etomo,

ke tla dudueletsa Felesita.”

11Ke mang yo o tla nkisang

kwa motseng o o thata?

Ke mang yo o tla nkgogelang

kwa Etomo?

12A ga se wena,

Modimo o o re latlhileng?

Ee, Modimo,

ga o bolole le mephato ya rona.

13Re direle thuso ya go phologa

mo mmabeng;

gonne thuso ya batho

ga se ya sepe.

14Ka Modimo re tla dira

ditiro tsa bonatla,

mme ona o tla gataka baba ba rona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help