GENESI 29 - Setswana 1970(TSW70)

Jakobe o goroga kwa go Labane

1Jakobe a wela tseleng, a ya kwa lefatsheng la ba botlhabatsatsi.

2Ya re a lebaleba, a bona sediba mo nageng le matsomane a le mararo a bothile fa go sona. Gonne ba ne ba nosa matsomane ka go gelela mo sedibeng seo. Sediba sa bo se khurumetswe ka letlapa le legolo.

3E ne e tle e re fa matsomane otlhe a sena go phuthegela teng, ba pitikolole letlapa, ba le tlose mo molomong wa sediba, ba nose matsomane; morago ba busetse letlapa gape mo mannong a lone mo molomong wa sediba.

4Jaanong Jakobe a ba botsa a re: “Ba ga etsho, lo tswa kae?” Ba re: “Re tswa kwa Harane.”

5A ba a ba botsa a re: “A lo itse Labane, morwa Nahore?” Ba re: “Re a mo itse.”

6A ba botsa gape a re: “A o phela sentle?” Ba re: “Ee, o phela sentle. Le gona, bona, Ragele morwadie ke yole, o tla le dinku!”

7Ke fa a re: “E sa le motshegare o mogolo. Ga e ise e be nako ya go phutha diruiwa. Nosang dinku, lo be lo ye lo di fudise.”

8Ba re: “Re a palelwa, ka go ise go phuthege matsomane otlhe; fa badisa ba le mmogo, ba kgona go pitikolola letlapa, ba le tlosa mo molomong wa sediba, ke gona re tla nosang dinku.”

9Ya re a sa ntse a bua nabo, Ragele a tla ka dinku tse e leng tsa ga rraagwe, gonne a ne a di disa.

10Mme ya re Jakobe a bona Ragele, morwadia Labane malomaagwe le dinku tsa ga Labane malomaagwe, Jakobe a atamela, a pitikolola letlapa, a le tlosa mo molomong wa sediba, a nosa dinku tsa ga Labane, malomaagwe.

11Jakobe a ba a atla Ragele, a tsholetsa lentswe, a lela.

12Jakobe a ba a bolelela Ragele gore ke ene wa losika lwa ga rraagwe le gore ke ene morwa Rebeka. Ke fa Ragele a siana, a bolelela rraagwe.

13Jaanong ya re Labane a utlwela Jakobe setlogolo sa gagwe, a taboga, a mo kgatlhantsha, a mo tlamparela, a mo atla, a mo isa kwa lapeng la gagwe, mme ene a bolelela Labane tsotlhe tse di mo diragaletseng.

14Ke fa Labane a raya Jakobe a re: “Ruri, o lesapo la me le nama ya me.” Jaanong Jakobe a nna kgwedi e le nngwe nae.

Jakobe o direla Labane ka ntlha ya ga Ragele le Lea

15Ke fa Labane a raya Jakobe a re: “Fa o le wa ga etsho, a o ka ntirela fela? Mpolelele gore tuelo ya gago e ka nna eng?”

16Jaanong Labane o ne a na le bomorwadie ba le babedi, leina la yo mogolo e le Lea, la yo mmotlana e le Ragele.

17Lea o ne a le matlho a a fokolang, mme Ragele a bopegile sentle, a le montle thata.

18Ya re ka Jakobe a rata Ragele, a araba a re: “Ke tla go direla dinyaga tse supa ka ntlha ya ga Ragele, morwadio yo mmotlana.”

19Labane a re: “Go molemo, fa ke mo naya wena, e seng monna o sele. Nna le nna.”

20Jakobe a mo direla jalo dinyaga tse supa ka ntlha ya ga Ragele. Tsa nna mo go ene jaaka e kete ke malatsinyana fela, ka gonne o ne a mo rata.

21Jaanong Jakobe a raya Labane a re: “Mphe mosadi wa me, gonne malatsi a me a go direla bogadi a fedile gore ke mo nyale.”

22Ke fa Labane a laletsa batho botlhe ba felo foo, a dira moletlo.

23Mme ya re go le maitsiboa, a tsaya morwadie Lea, a mo isa kwa go ene, mme Jakobe a tsena mo go ene.

24Labane a ntsha Silepa, lelata la gagwe, a mo neela Lea morwadie go nna lelata la gagwe.

25Ya re mo mosong Jakobe a fitlhela e le Lea, a raya Labane a re: “Ke eng se o se ntiretseng? A ga ke a go direla ka ntlha ya ga Ragele? O ntsieleditseng?”

26Labane a mo araba a re: “Ga se mokgwa wa rona go ka nyadisa yo mmotlana pele ga yo mogolo.

27Fetsa beke ya moletlo le yo, foo re tla go naya yole le ene ka ntlha ya tirelo e o tla e ntirelang dinyaga tse supa tse dingwe gape.”

28Jakobe a dira jalo, a fetsa beke nae. Ke fa Labane a mo naya Ragele morwadie go nna mosadi wa gagwe.

29Le gona Labane a ntsha Bileha, lelata la gagwe, a mo neela Ragele morwadie go nna lelata la gagwe.

30Jakobe a tsena le kwa go Ragele, mme a mo rata bogolo go Lea. A mo direla dinyaga tse dingwe tse supa gape.

Bana ba ga Jakobe

31Ya re Morena a bona, fa Lea a nyadiwa, a mo naya bana, mme Ragele a nna moopa.

32Lea a nna moimana, a tshola ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Rubene. Gonne a re: “Morena o bonye pogisego ya me. Jaanong monna wa me o tla nthata.”

33A ithwala gape, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Morena o utlwile, fa ke sa ratiwe; ke ka moo o mphileng le ene yo.” A mo taya leina la Simeone.

34A nna moimana gape, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Jaanong monna wa me o tla nkgomarela, gonne ke mo tsaletse basimane ba le bararo.” Ka moo a mo taya leina la Lefi.

35A nna moimana gape, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Kajeno ke tla baka Morena.” Ka moo a mmitsa Juta. Jaanong a ema go belega.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help