BAATLHODI 13 - Setswana 1970(TSW70)

Botsalo jwa ga Simesone

1Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bafelesita dinyaga di le 40.

2Jaanong ga bo go le monna mongwe wa losika lwa ga Dane kwa Sorea, yo leina la gagwe e leng Manoa. Mosadi wa gagwe o ne a le moopa, a sa tshole bana.

3Mme moengele wa Morena a iponatsa mo mosading yoo, a mo raya a re: “Bona, o moopa, ga o belege bana. Mme o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane.

4Mme jaanong a ko o itise; se nwe weine le fa e le bojalwa le e seng go ja sepe se se sa itshekang.

5Gonne bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. A go se tle logare mo tlhogong ya gagwe, gonne mosimane yoo o tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong jwa gagwe; o tla simolola go golola Baiseraele mo diatleng tsa Bafelesita.”

6Mosadi a ya, a bolelela monna wa gagwe a re: “Monna wa Modimo o tlile kwa go nna; o ne a lebega jaaka Moengele wa Modimo, a boitshega thata, mme ga ke a mmotsa kwa a tswang teng; le ene ga a a mpolelela leina la gagwe.

7O ntheile a re: ‘Bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. Mme jaanong, se nwe weine le fa e le bojalwa, o se je sepe se se sa itshekang; gonne mosimane yoo, e tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong go ya letsatsing la loso lwa gagwe.’ ”

8Ke fa Manoa a rapela Morena a re: “Ao! Morena, a monna wa Modimo yo ò mo romileng, a ke a tle gape kwa go rona, a re rute tse re tshwanetseng go di direla mosimane yo o tla tsalwang.”

9Modimo wa utlwa lentswe la ga Manoa. Moengele wa Modimo a tla gape kwa mosading a ntse fa fatshe kwa tshimong, mme Manoa, monna wa gagwe, a se na nae.

10Ke fa mosadi a akofa, a taboga, a itsise monna wa gagwe, a mo raya a re: “Bona, monna yo o neng a tlile kwa go nna maloba o iponaditse gape mo go nna.”

11Manoa a nanoga, a sala mosadi wa gagwe morago, a fitlha kwa monneng yole, a mmotsa a re: “A ke wena monna yo o buileng le mosadi?” A re: “Ke nna.”

12Manoa a re: “Jaanong fa lefoko la gago le dirafala, mosimane o tshwanetse go phela jang le go dira eng?”

13Moengele wa Morena a araba Manoa a re: “A mosadi a itise mo go tsotlhe tse ke di mmoleletseng.

14A a se je sepe se se tswang mo setlhareng sa moweine; a se ka a nwa weine le fa e le bojalwa; a se ka a ja sepe se se sa itshekang. Tsotlhe tse ke di mo laetseng a a di tshegetse.”

15Ke fa Manoa a raya Moengele wa Morena a re: “Nte re go die, re go baakanyetse potsane.”

16Mme Moengele wa Morena a fetola Manoa a re: “Le fa o ka ntia, ga ke ne ke ja dijo tsa gago. Mme fa o rata go direla Morena setlhabelo sa phiso, se baakanye.” Kana Manoa o ne a sa itse fa e le Moengele wa Morena.

17Ke fa Manoa a botsa Moengele wa Morena a re: “Leina la gago ke mang gore re tle re go tlotle motlhang lefoko la gago le dirafalang?”

18Mme Moengele wa Morena a mo fetola a re: “O boletsang leina la me? Kana ke le le gakgamatsang!”

19Ke fa Manoa a tsaya potsane le tshupelo ya teng ya dijo, a direla Morena setlhabelo sa phiso mo godimo ga lefika, mme Morena a dira ka mokgwa o o gakgamatsang: Manoa le mosadi wa gagwe ba bona

20kgabo ya molelo e tlhatlogela kwa legodimong e tswa mo aletareng le Moengele wa Morena a tlhatloga a le mo kgabong ya aletare. Ya re Manoa le mosadi wa gagwe ba bona jalo, ba wela fa fatshe ka difatlhego.

21Mme Moengele wa Morena a se ka a tlhola a iponatsa gape mo go Manoa le e seng mo mosading wa gagwe. Ke fa Manoa a lemoga gore e ne e le Moengele wa Morena.

22Jaanong Manoa a raya mosadi wa gagwe a re: “Ruri, re tla swa, gonne re bonye Modimo.”

23Mme mosadi wa gagwe a mo fetola a re: “Fa Morena a ka bo a ratile go re bolaya, o ka bo a se ka a amogela setlhabelo sa phiso le tshupelo ya dijo mo diatleng tsa rona; le gona o ka bo a se ka a re bontsha dilo tsotlhe tse le e seng go re utlwisa tse re sa tswang go di utlwa jaanong.”

24Mosadi a ba a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Simesone. Mosimane a gola, mme Morena a mo tshegofatsa.

25Mowa wa Morena wa simolola go mo tlhotlheletsa a le mo bothibelelong jwa ga Dane fa gare ga Sorea le Ešethaole.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help