1 DITIRAFALO 20 - Setswana 1970(TSW70)

Dafita o fenya motse wa Raba(2 Sam. 12:26-31)

1E rile ngwaga o se na go feta ka nako e dikgosi di a tleng di bolole ka yona, Joabe a bolotsa mephato, a senya lefatshe la Baamone a fitlha a dikanyetsa mošate wa Raba ka ntwa, Dafita ene a setse kwa Jerusalema, mme Joabe a thopa Raba a o diga.

2Mme Dafita a tsaya serwalo sa Milekome, a se tlosa mo tlhogong ya ona, a fitlhela bokete jwa sona e le talente ya gouta, se bile se na le taemane e e tlhokegang; yona ya rwesiwa Dafita tlhogong; a ba a ntsha thopo e kgolo thata mo motseng oo.

3Mme batho ba ba neng ba le mo go ona a ba dirisa ka šage le ka dikepu tsa tshipi le ka dilepe. Dafita a direla metse yotlhe ya Baamone jalo. Jaanong Dafita le batlhabani botlhe ba boela kwa Jerusalema.

Go fenngwa Bafelesita(2 Sam. 21:15-22)

4Morago ga moo ga tsoga ntwa kwa Gesere le Bafelesita. Foo Sibegai wa Mohuša a bolaya Siphai yo e neng e le mokaloba. Bafelesita ba kokobediwa jalo.

5Ga ba ga tlhabanwa gape le Bafelesita. Ke fa Elehanane morwa Jaire a bolaya Lagemi morwa-rraagwe Goliathe wa kwa Gathe yo lore lwa lerumo la gagwe lo neng lo le kana ka tlhomeso.

6Ga ba ga lowa ntwa gape kwa Gathe. Teng go ne go le monna yo moleele thata yo o menwana e merataro, e le 24 mmogo diatleng le dinaong. Le ene e ne e le mokaloba.

7Mme ya re a kgoba Baiseraele, a bolawa ke Jonathane morwa Šimea mogoloa Dafita.

8Bao e ne e le ba losika lwa mekaloba kwa Gathe, mme ba bolawa ke Dafita le ke batlhanka ba gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help