1Ngwanaka, botlhale jwa me o bo ele tlhoko; tlhaloganyo ya me o e sekegele tsebe
2gore o boloke kelelelo, mme molomo wa gago o boloke kitso.
3Gonne molomo wa mosadi o sele o rothisa mafura a dinotshe; magalapa a gagwe a borethe bogolo go lookwane.
4Mme la bofelo o galaka jaaka longana; o bogale jaaka tšhaka e e magale-mabedi.
5Maoto a gagwe a fologela kwa losong; dikgato tsa gagwe di ntse di atamela felo ga baswi.
6Ditselana tsa gagwe ke tsa go kgarakgatshega a sa itse gore a se ka a tlhamalela mo tseleng ya bophelo.
7Mme jaanong, banaka, nkutlweng; se tlogeleng mafoko a molomo wa me!
8A tsela ya gago e nne kgakala nae; se atamele mojako wa ntlo ya gagwe.
9E se re gongwe wa naya ba bangwe thata ya bošwa jwa gago, le e seng go naya mosadi yo o setlhogo dinyaga tsa gago,
10e se re gongwe ba bangwe ba kgora ka thata ya gago le ka tse o di bonyeng ka matsapa, tsa ya mo ntlong ya motho o sele.
11E se re gongwe mo bokhutlong jwa gago, fa go fela mmele wa gago le nama ya gago, o a fegelwa,
12o a re: “Joo nna wee! Ke ne ke reng, fa ke ila thuto; fa pelo ya me e nyatsa kgalemelo,
13fa ke sa utlwe mantswe a baruti ba me fa ke sa sekegele ba ba nthutang tsebe!
14Ke batlile go wela gotlhe mo tatlhegong, ke le mo gare ga batho le phuthego!”
15Nnyaya! Nwaa metsi a sediba sa gago, a a tswelang mo motsweding wa gago.
16A o a re, metswedi ya gago e tshologele kwa ntle; dinokana tsa metsi tsa gago di ele mo dipatlelong?
17Nnyaya! A e nne tsa gago o le nosi, e seng tsa ba bangwe nao!
18A motswedi wa gago o tshegofale; o itumelele mosadi wa bošwa jwa gago o le nosi.
19O a ratega jaaka tshephe e namagadi, o montle jaaka mofele o monamagadi. A bontle jwa gagwe bo go lapolose ka metlha, wena o nne o itumele ka lorato lwa gagwe.
20Morwaaka, o ratelang go kgatlhwa ke mosadi o sele? O ka tlamparela jang mosadi yo e seng wa gago?
21Gonne ditsela tsa mongwe le mongwe di bonwa ke matlho a Morena; o ntse a tlhokomela metlhala yotlhe ya gagwe.
22Moikepi o tla tshwarwa ka melato ya gagwe, a golegwa ka megala ya boleo jwa gagwe.
23O tla swa ka go sa rutega, a latlhega ka bosilo jo bogolo jwa gagwe.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
