1Morago ga moo Dafita a fenya Bafelesita, a ba dira batlhanka, a ba a ba amoga mošate wa Gathe le metsana ya ona.
2A fenya le Bamoabe, le bone ba nna batlhanka ba gagwe ba mo ntshetsa lekgetho.
3Dafita a ba a fenya Hatatesere kgosi ya Soba ntlheng ya Hamathe, jale fa a ya go tlhomamisa puso ya gagwe kwa nokeng ya Ferathe.
4Dafita a mo amoga dikoloi tsa ntwa di le 1 000 le bapalami ba le 7 000 le banna ba le 20 000 ba dinao. Dafita a ba a golafatsa dipitse tsa dikoloi tsotlhe ka go di kgaola mesifa ya maoto, a sadisa dipitse di le 100 fela tsa tsona.
5Mme ya re Basiria ba Damaseko ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Dafita a bolaya banna ba le 22 000 ba Basiria.
6Dafita a ba a baya balebedi ba puso mo Siria wa Damaseko; Basiria ba nna balala ba ga Dafita ba ba mo ntshetsang lekgetho. Morena a naya Dafita phenyo gongwe le gongwe kwa a yang teng.
7Le gona Dafita a tsaya dithebe tsa gouta tse di neng di tshotswe ke batlhanka ba ga Hatatesere, a di isa kwa Jerusalema.
8Dafita a ba a thopa kgotlho e ntsintsi kwa metseng ya ga Hatatesere kwa Tibegathe le kwa Khune. Salomo a dira lewatle la kgotlho le maotwana le didiri tsa kgotlho ka yona.
9E rile Thou kgosi ya Hamathe a utlwa gore Dafita o fentse mephato yotlhe ya ga Hatatesere kgosi ya Soba,
10a roma Hatorame morwawe kwa go kgosi Dafita go mmotsa bophelo le go mo eleletsa letlhogonolo, ka a tlhabanye le Hatatesere, a mo fenya – gonne Hatatesere o ne a ntse a tlhabana le Thou – a ba a romela Dafita dilo tsa mefutafuta tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho.
11Le tseo kgosi Dafita a di itshepisetsa Morena mmogo le selefera le gouta tse o di tsereng mo ditšhabeng tsotlhe, kwa go Baetomo le Bamoabe le Baamone le Bafelesita le Baamaleke.
12Mme Abisai morwa Seruya a bolaya Baetomo ba le 18 000 mo lebaleng la letswai.
13Mme Dafita a baya balebedi ba puso ya gagwe kwa Etomo. Baetomo botlhe ba nna mo pusong ya gagwe. Morena a mo naya phenyo gongwe le gongwe kwa a bololelang teng.
14Dafita o ne a busa Iseraele yotlhe, a ntse a direla morafe otlhe wa gagwe ka molao le tshiamo.
15Joabe morwa Seruya e ne e le molaodi wa mephato; Josafate morwa Ahilote e le seatla sa kgosi.
16Satoke morwa Ahitube le Ahimelege morwa Abjathare e ne e le baperesiti, Sausa e le mokwaledi.
17Benaya morwa Joyata e ne e le molaodi wa Bakerethi le Baphelethe, bafemedi ba kgosi; bomorwa Dafita ba pele ba thusa kgosi.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.