NAHUME 1 - Setswana 1970(TSW70)

1Polelelopele ya petso ka ga Ninife. Lokwalo lwa pono ya ga Nahume wa kwa Elekoše.

Morena

o betsa baba, o thusa ba ba mo ikanyang

2 Morena ke Modimo

o o lefufa o o busolosang;

Morena o a busolosa,

ke ene Rrabogale-jo-bo-tukang.

Morena o ipusolosetsa

mo baganetsing ba gagwe;

o bolokela baba ba gagwe bogale.

3 Morena o pelotelele,

mme o na le thata e kgolo;

ruri, ga a leseletsa moleofi ope,

a sa mmetse.

Ke Morena yo tsela ya gagwe

e leng mo phefong

le mo ledimong,

yo maru e leng dithole

tsa dinao tsa gagwe.

4O kgalemela lewatle, a le tšhese,

dinoka tsotlhe a di kgadise;

Basane le Karemele di swabe,

le sethunya sa Lebanone

se swabe.

5Dithaba di roroma

fa pele ga gagwe,

dithabana di a gakologa;

lefatshe le tshikinyega

fa pele ga sefatlhego sa gagwe,

ee, lefatshe le botlhe

ba ba agileng mo go lone.

6Ke mang yo o ka emang

fa pele ga kgakalo ya gagwe?

Ke mang yo o ka phelang

mo bogaleng jwa gagwe

jo bo tukang?

Kgalefo ya gagwe e tsholelwa

jaaka molelo;

mafika a phatloga

fa pele ga gagwe.

7 Morena ke yo o molemo,

ke botshabelo

mo letsatsing la tlalelo;

o itse ba ba mo ikanyang.

8O tla nyeletsa felo ga teng

ka morwalela wa metsi

o o penologang,

a ba a latelela baba ba gagwe

kwa lefifing.

9Lo logile maano afe

a go lwa le Morena?

Ene o tla nyeletsa.

Tlalelo ga e kitla e tla

lwa bobedi.

10Le fa ba tshwana le mitlwa

e e raraanyeng,

le fa ba le metsi

jaaka seno sa bona:

Ba tla šwa gotlhe

jaaka dirite tse di omeletseng.

11Mongwe o dule mo go wena Ninife, yo o neng a akantse bosula ka ga Morena, a loga maano a a senyang.

12Morena o bua jaana a re: “Le fa ba itekanetse, le fa e le ba bantsi jang, ba tla remiwa, ba nyelela fela jalo! Le fa ke ne ka go kokobetsa, ga nkitla ke tlhola ke go kokobetsa gape.

13Mme jaanong ke tla roba joko ya gagwe, ke e tlosa mo go wena; ke kgaola dikgole tse ò golegilweng ka tsona.”

14Mme Morena o tla laola ka ga gago gore go se ka ga tlhola go jwalwa leina la gago. “Ke tla nyeletsa setshwantsho sa modimo se se setilweng le se se bopilweng mo ntlong ya modimo wa gago; ke go epela lebitla, gonne ò fitlhetswe ò le botlhofo.”

15Bonang maoto a yo o bolelang tse di molemo mo dithabeng, yo o utlwatsang kagiso! Dira meletlo ya gago, Juta, dirafatsa maikano a gago; gonne mosenyi ga a kitla a tlhola a ralala naga ya gago gape; o nyeleditswe gotlhegotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help