1 DITIRAFALO 21 - Setswana 1970(TSW70)

Molato wa go bala batho(2 Sam. 24:1-25)

1Satane o kile a tsogela Baiseraele, a tlhotlheletsa Dafita go bala Baiseraele.

2Ke fa Dafita a raya Joabe le dikgosana tsa morafe a re: “Yaang lo bale Baiseraele go tloga kwa Bereseba go fitlha kwa Dane, lo bo lo tle go mpegela gore ke itse palo ya bone.”

3Mme Joabe a fetola a re: “A Morena a okeletse morafe wa gagwe ba ba kana ka ona ga lekgolo. Kgosi mong wa me, bone botlhe a ga se batlhanka ba morena wa me? Mong wa me o batlelang selo se se ntseng jalo? O tla bo o leofisetsang Baiseraele?”

4Fela lefoko la kgosi la pateletsa Joabe, mme Joabe a bolola a ralala Iseraele yotlhe, a ba a boela kwa Jerusalema,

5a feta a neela Dafita palo ya batho: Banna ba ba somolang tšhaka ba Baiseraele botlhe ba ne ba le 1 100 000; banna ba ba somolang tšhaka ba Juta ba le 470 000.

6Mme o ne a sa bala Balefi le Babenyamene nabo; gonne lefoko la kgosi le ne le tena Joabe.

7Fela selo seo se ne se le bosula mo matlhong a Modimo, mme wa betsa Baiseraele.

8Ke fa Dafita a raya Modimo a re: “Ke leofile thata ka go dira jalo. Mme jaanong a ko o itshwarele molato wa motlhanka wa gago; gonne ke dirile bosilo jo bogolo.”

9Mme Morena a bua le Gate mosedisetsi wa ga Dafita a re:

10“Yaa o bue le Dafita o re: ‘Morena o buile jaana a re: Ke tsharolotse dilo di le tharo tse di ka go welang. Itlhaolele sengwe sa tsona gore ke se go direle.’ ”

11Gate a ya kwa go Dafita, a mo raya a re: “Morena o buile jaana a re: ‘Itlhaolele!

12A go tle tlala ya dinyaga di le tharo; gongwe go bolawa ke baganetsi ba gago dikgwedi di le tharo le go fitlhelwa ke tšhaka tsa baba ba gago; gongwe tšhaka ya Morena malatsi a le mararo, e bong leroborobo mo lefatsheng, fa moengele wa Morena a senya mo nageng yotlhe ya Iseraele?’ Jaanong he, bona sentle o bolele se ke tla se arabang yo o nthomileng.”

13Dafita a fetola Gate a re: “Ke tlaletswe thata. Nte ke wele mo diatleng tsa Morena; gonne boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo bogolo thata. A ke se ka ka wela mo diatleng tsa batho.”

14Ke fa Morena a romela leroborobo mo go Iseraele; ga swa banna ba le 70 000 ba Iseraele.

15Mme Modimo wa roma moengele kwa Jerusalema go mo senya; ya re a ntse a senya, Morena a ela tlhoko, a rebega bogale, a raya moengele yo o senyang a re: “Go lekanye jaanong! Gonyetsa letsogo.” E ne e le fa moengele wa Morena a eme fa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi.

16Jaanong ya re Dafita a tsholetsa matlho, a bona moengele wa Morena a eme fa gare ga lefatshe le legodimo, a tshotse tšhaka ya gagwe e e somotsweng ka letsogo le le otlololetsweng Jerusalema, Dafita le bagolo ba ba apereng masela a boikwatlhao ba wela fa fatshe ka difatlhego.

17Mme Dafita a raya Modimo a re: “A ga se nna ke laetseng go bala morafe? Ke nna ke leofileng ka senya thata; mme dinku tse, di dirileng? Morena, Modimo wa me, ka thapelo a letsogo la gago le otle nna le ba lapa la ga rre, mme e seng morafe wa gago.”

18Ke fa moengele wa Morena a laela Gate gore a ree Dafita, a tlhatloge go agela Morena aletare mo seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi.

19Dafita a tlhatloga ka fa lefokong la ga Gate le o le buileng ka taelo ya Morena.

20Ya re Orenane a retologa, a bona moengele, mme bomorwawe ba bane ba ba nang nae ba iphitlha. Orenane a bo a photha mabele.

21Mme ya re Dafita a tla kwa go Orenane, Orenane a tlhatlosa matlho, a bona Dafita. Ke fa a tswa mo seboaneng, a ikobela fa fatshe fa pele ga Dafita.

22Dafita a raya Orenane a re: “Nneela felo ga seboana gore ke agele Morena aletare gona, ò go nneele ka tlhwatlhwa e e tletseng gore petso e tlosiwe mo morafeng.”

23Mme Orenane a fetola Dafita a re: “Se tsee fela. A kgosi mong wa me a dire tse di siameng mo matlhong a gagwe. Bona, ke ntsha dikgomo go nna tsa setlhabelo le meotlwana go nna dikgong le mabele go nna tshupelo. Ke di ntsha tsotlhe.”

24Fela kgosi Dafita a raya Orenane a re: “Nnyaya, ke rata go di reka ka tlhwatlhwa e e tletseng. Gonne ga nka ke ka tseela Morena tse e leng tsa gago, ka dira setlhabelo fela, ke sa senyegelwe.”

25Mme Dafita a ntshetsa felo foo madi a dišekele tsa gouta di le 600, a di neela Orenane.

26Jaanong Dafita a agela Morena aletare gona, a baakanya ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, mme ya re a tlhaeleletsa Moreneng, ene a mo araba ka molelo o o tswang kwa legodimong, wa wela mo aletareng ya tlhabelo ya phiso, wa ja setlhabelo.

27Ke fa Morena a laela moengele gore a somele tšhaka ya gagwe mo kgatleng ya yona.

28Go tloga sebakeng seo, fa Dafita a bona gore Morena o mo arabile kwa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi, a nna a dira ditlhabelo teng.

29Kana Taberenakele e e neng e dirilwe ke Moše kwa sekakeng le aletare ya ditlhabelo tsa phiso tsone ka sebaka seo di ne di le kwa thoteng ya tlhabelo kwa Gibeone.

30Mme Dafita a palelwa ke go ya fa pele ga yona aletare eo go batla Modimo; gonne o ne a tshositswe ke tšhaka ya moengele wa Morena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help