JOBE 12 - Setswana 1970(TSW70)

Jobe o a araba

1Jobe a fetola a re:

2“Ee ruri, batho ke lona;

botlhale bo tla swa le lona.

3Le nna ke na le tlhaloganyo

jaaka lona;

ga lo mphale.

Ke mang yo o sa itseng

tse di ntseng jalo?

4Ke fetogile yo o sotlwang

ke mongwe-ka-ene,

ke le yo o rapetseng Modimo,

wa ba wa nkutlwa;

go sotlega mosiami

yo o se nang molato.

5Yo o phelang monate a re:

Nyatso e tshwanela

ba ba mo tatlhegong;

ba dinao tse di relelang

a ba kgopisiwe!

6Kagiso e mo malapeng

a ba ba gatelelang.

Ba ba gakatsang Modimo

ba thagame ba re:

Modimo re a o laola.

7Mme a ko o botse diphologolo

gore di go rute,

le dinonyane tsa loapi

gore di go itsise.

8Gongwe bua le lefatshe

gore le go rute,

a ditlhapi tsa lewatle

di go bolelele!

9Ke mang yo o sa lemogeng

ka tsotlhe tse,

fa seatla sa Morena se di dirile?

10Kana bophelo jwa tse di phelang

tsotlhe

le mewa ya mebele ya batho

botlhe

di mo seatleng sa gagwe.

11A ga se tshwanelo ya tsebe

go tlhatlhoba mafoko

jaaka magalapa a utlwa dijo?

12Ga twe:

Botlhale bo mo go

ba ba tlhogo-di-pududu.

Bontsi jwa malatsi

bo tlisa tlhaloganyo.

13Nnyaya! Botlhale le bonatla

di mo go ona;

ke ona o o nang le maano

le temogo.

14Ruri, ona o a rutla,

mme ga go yo o ka tsosang;

o tswalela motho,

go se yo o ka mmulelang.

15Bonang, fa o thibela pula,

metsi a a tšha;

mme fa o ka e nesa,

a gogola naga.

16O na le thata le temogo.

Motimedi ke wa ona

fela jaaka motimetsi.

17Banna ba lekgotla

o ba isa botshwarong

ka dinao di sa rwala;

o silofatsa baatlhodi.

18O bofolola dikgole

tse dikgosi di bofang ka tsona;

o di golega matheka ka kgole.

19Baperesiti o ba isa botshwarong

ka dinao di sa rwala;

o diga ditshika tsa kgale.

20Ba ba ikanyegang o ba tima puo;

o amoga banna bagolo temogo.

21O goromeletsa nyatsego

mo batlotleging;

o repisa meitlamo ya ba ba thata.

22Madiba a lefifi o a a senola;

lefifi le lentsho

o le ntshetsa leseding.

23O godisa ditšhaba,

le gona o a di nyeletsa;

o anamisa ditšhaba,

o bo o di tlose.

24O amoga ditlhogo tsa batho

ba lefatshe tlhaloganyo;

o ba kgarakgatsha sekakeng

mo go se nang tsela.

25Ba apaapa mo fifing

fa go seng lesedi;

o ba theekedisa jaaka matagwa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help