1Mo malatsing ao ga bo go le batho ba bantsi gape fa go Jesu, mme ba se na se ba ka se jang. A ipiletsa barutwa, a ba raya a re:
2“Ke utlwela batho ba botlhoko, ka gonne jaanong ba setse ba tlhotse le nna malatsi a mararo, mme ga ba na se ba ka se jang.
3Fa nka ba phatlalatsa go ya kwa magaeng a bone ka tlala, ba ka felelwa ke thata mo tseleng; gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.”
4Barutwa ba gagwe ba mo araba ba re: “Dinkgwe di ka tswa kae tse motho o ka kgorisang batho ba ka tsona mono sekakeng?”
5Jesu a ba botsa a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?”
Ba re: “Di supa.”
6Jaanong a laela batho gore ba nne fa fatshe, a tsaya dinkgwe tse di supang, a leboga, a di nathoganya, a di neela barutwa ba gagwe, gore ba di ba bee pele; ba di baya batho pele.
7Mme ba bo ba na le ditlhatswana di se kae; ya re a sena go di lebogela, a re le tsona ba di bewe pele.
8Ba ja ba kgora, ba be ba sela masadisa, a tlala ditlatla di supa.
9E ne e ka nna ba ba dikete tse nne; jaanong a ba naya tsela.
10A akofa a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ba a fitlha kwa dinageng tsa Dalemanutha.
Matlhabego a Bafarisai(Math. 16:1-12)11Jaanong ga tla Bafarisai, ba simolola go ganetsanya nae, ba batla sesupo mo go ene se se tswang kwa legodimong, mme e le go mo leka.
12Mme a fegelwa thata mo moweng wa gagwe a re: “Losika lo, lo batlelang sesupo? Ammaaruri ke lo raya ke re: Losika lo ga lo kitla lo newa sesupo sepe!”
13A ba tlogela, a boa a palama mokoro, a tshelela kwa moseja.
14Ba bo ba lebetse go tsaya dinkgwe; le mo mokorong ba se na sepe, fa e se senkgwe se le sengwe fela.
15Jesu a ba tlhagisa a re: “Tlhokomelang, lo itise mo matlhabegong a Bafarisai le mo matlhabegong a ga Herote.”
16Ke fa ba akanya mmogo ba re: “Ke ka gonne re se na dinkgwe.”
17Ya re ka Jesu a itse, a ba raya a re: “Lo akanyetsang gore ga lo na dinkgwe? A ga lo ise lo lemoge, le fa e le go tlhaloganya? A dipelo tsa lona di sa ntse di siregile?
18A ga lo bone, le fa lo na le matlho? A ga lo utlwe, le fa lo na le ditsebe? A ga lo gakologelwe gore
19e rile ke nathoganyetsa ba ba dikete tse tlhano dinkgwe tse tlhano, lwa tsholetsa ditlatla di le kae, di tletse masadisa?”
Ba mo raya ba re: “Di le 12.”
20“Gape e rile ke nathoganyetsa ba ba dikete tse nne dinkgwe tse di supang, lwa tsholetsa ditlatla di le kae, tse di tletseng masadisa?”
Ba mo raya ba re: “Di supa.”
21A ba raya a re: “Mme go ntse jang, fa lo ise lo tlhaloganye?”
Phodiso ya sefofu sa Betsaita22Jaanong ba fitlha mo Betsaita. Foo batho ba tsisa sefofu kwa go ene, ba mo rapela gore a se ame.
23A tshwara sefofu seatleng, a se gogela kwa ntle ga motsana, a se kgwela mathe mo matlhong, a se baya diatla, a se botsa a re: “A o bona sengwe?”
24Sa lelala sa re: “Ke bona batho; mme ke ba bona ba tsamaya, e kete ke ditlhare.”
25A boa a se baya diatla gape mo matlhong, sa ba sa leba thata, sa fodisiwa, sa bonela tsotlhe sentle kwa kgakala.
26Jaanong a se romela kwa ntlong ya sona a re: “O se ka wa tsena mo motsaneng le e seng go bolelela ope mo go ona.”
Boipolelo jwa ga Petoro. Dipogo di bolelelwa pele(Math. 16:13-23; Luka 9:18-22; Joh. 6:67-69)27Jesu a tloga foo, a ya kwa metsaneng ya Kaisarea-Filipi, a na le barutwa ba gagwe; a ba botsa mo tseleng a re: “Batho ba re, nna ke mang?”
28Ba mo araba ba re: “Bangwe ba re, o Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re, o Elia; ba bangwe gape ba re, o mongwe wa baporofeti.”
29A ba botsa gape a re: “Mme lona lo a re, ke mang?”
Petoro a mo araba a re: “O Keresete.”
30Foo a ba laela thata gore ba se ka ba bolelela ope ka ga gagwe.
Polelelopele ya ntlha ya dipogo31Jaanong a simolola go ba ruta gore Morwa-Motho o tshwanetse go boga dilo tse dintsi, le go latlhwa ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, le go bolawa, le go tsoga morago ga malatsi a mararo.
32Lefoko le a le bua ka phuthologo. Ke fa Petoro a mo tseela kwa thoko, a simolola go mo kgalemela.
33Mme Jesu a retologa, a leba barutwa ba gagwe, a kgalemela Petoro a re: “Mpota morago, Satane! Gonne ga ò batle tsa Modimo, ò batla tsa batho.”
Ka ga go sikara Sefapaano(Math. 16:24-28; Luka 9:23-27)34Jaanong a ipiletsa batho ba ba leng teng mmogo le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe, a ntshale morago!
35Gonne yo o ratang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me le ka ntlha ya Efangele o tla bo boloka.
36Gonne go ka thusa motho eng, fa a ka bapala lefatshe lotlhe, mme a senyegelwa ke bophelo jwa gagwe jwa nnete?
37Kampo motho o ka ntsha eng go nna segololo sa botshelo jwa gagwe?
38Gonne mongwe le mongwe yo o tlhajwang ke ditlhong ka ntlha ya me le ka ntlha ya mafoko a me mo losikeng loo lwa boikepo le boleo, Morwa-Motho le ene o tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya gagwe, mogang a tlang ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.