DIPESALEME 147 - Setswana 1970(TSW70)

Pesalome ya pako

1Galaletsang Morena!

Gonne go pila

go leletsa Modimo wa rona,

ee, go monate;

sefela sa pako se tshwanetse.

2 Morena o aga Jerusalema,

o phutha balelekwi ba Iseraele.

3O fodisa ba ba dipelo

di phatlogileng,

o fapa dintho tsa bona.

4O tlhomamisa palo ya dinaledi,

tsotlhe o di taya maina.

5Morena wa rona o mogolo,

o thata e kgolo;

tlhaloganyo ya gagwe

ga e ka ke ya lekanngwa.

6 Morena o kakatlolola

ba ba pelonolo;

mme baikepi bona

o ba digela fa fatshe.

7Tlhabelang Morena

sefela sa tebogo;

opelelang Modimo wa rona

ka harepa;

8ona o o apesang legodimo ka maru,

o o baakanyetsang lefatshe pula,

o o medisang bojang mo dithabeng;

9o o nayang diruiwa dijo tsa tsona,

le magakajane, fa a lela.

10Ga o natefelwe ke thata ya pitse,

ga o kgatlhwe ke dikgoka

tsa monna.

11 Morena o kgatlhwa

ke ba ba mmoifang,

ba ba solofetseng

bopelonomi jwa gagwe.

12Jerusalema, galaletsa Morena;

Sione, baka Modimo wa gago.

13Gonne o thatafaditse mephakarego

ya mejako ya gago;

o tshegofaditse bana ba gago

mo go wena.

14Ke ona o o nayang lefatshe la gago

kagiso,

o o go jesang mabele

a a nang le moko.

15O romela taolo ya ona

kwa lefatsheng;

Lefoko la ona le siana thata.

16O tlhotlhora semathana

jaaka boboa,

o gasa serame jaaka molora.

17O latlhela sefako sa ona

jaaka dikgapetla.

Ke mang yo o ka itshokelang

letsididi la ona?

18O roma Lefoko la ona,

o di gakolose;

o fokisa phefo ya ona, metsi a ele.

19O itsise Jakobe Lefoko la ona,

o itsise Iseraele melao ya ona

le dithulaganyo tsa ona.

20Ga o ise o ke o direle

morafe ope jalo,

mme dikatlholo tsa ona

ga ba di itse. Haleluya!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help