JAKOBO 3 - Setswana 1970(TSW70)

Loleme lo na le go laolwa

1Ba ga etsho, lo se ka lwa nna baruti ka bontsi, ka lo itse gore rona baruti re tla sekisiwa go feta ba bangwe.

2Gonne rona rotlhe re fosa gantsi. Fa mongwe a sa fose mo puong, yoo e a bo e le monna wa botlalo yo o nonofileng go laola le ona mmele otlhe.

3Mme fa re tsenya dipitse megolasetso mo ganong gore di re utlwe, re a bo re sokolola le yona mebele yotlhe ya tsona.

4Bonang le tsona dikepe, le fa di le dikgolo thata, e bile di kgweediwa ke diphefo tse di thata, di sokololwa ka lobatinyana gore di ye kwa mokgweetsi o ratang go di isa teng.

5Le lone loleme ke tokololo e potlana e e ntseng jalo; mme lo ipoka ka go bua tse dikgolo.

Bonang, molelo o monnye o a tle o tshube sekgwa se se kana kang ne!

6Loleme le lone ke molelo; loleme lo itshupa mo gare ga ditokololo tsa rona e le lefatshe la tshiamololo, e le lo lo kgotlelang mmele otlhe, lo tshuba tsamao yotlhe ya botshelo, lo tshujwa ke molete wa molelo.

7Kana diphologolo le dinonyane le digagabi le ditshedi tsa lewatle, le fa e le tsa mofuta ofe, di a kgwabofadiwa, di bile di setse di kgwabofaditswe ke tlhaloganyo ya motho.

8Mme loleme lone, ga go motho ope yo o ka kgonang go lo kgwabofatsa; ke bosula jo bo huduegang, lo tletse botlhole jo bo bolayang.

9Re baka Modimo Rara ka lone, re bile re hutsa batho ka lone ba ba bopilweng ka fa setshwanong sa Modimo.

10Tshegofatso le khutso di tswa mo molomong o le mongwe fela. Ba ga etsho, tseo ga di a tshwanela go nna jalo.

11A motswedi o a tle o tswele metsi a a botshe le a a bogalaka mo leitlhong le le lengwe fela?

12Ba ga etsho, a mofeie o ka ungwa diolefa, gongwe moweine wa ungwa difeie? Fela jalo motswedi wa metsi a a letswai ga o ka ke wa tswela metsi a a monate.

Botlhale jo bo tswang kwa godimo

13Ke mang yo o botlhale, yo o nang le tlhaloganyo mo go lona? A a supe ditiro tsa gagwe tsa tsamao e e siameng ka bonolo jwa botlhale!

14Mme fa lo na le lefufa le le galakang le kgang mo dipelong tsa lona, lo se ka lwa ikgantsha, lwa aketsa boammaaruri.

15Botlhale joo ga se jo bo tswang kwa godimo, mme ke jwa lefatshe, jwa nama, jwa medemone.

16Gonne kwa go leng lefufa le kgang teng, gona go na le tlhakatlhakanyo le tiro nngwe le nngwe e mpe.

17Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo, ga ntlha ke jo bo boitsheko, bo bile bo kagiso, bo bonolo, bo a rapelesega, bo tletse kutlwelo-botlhoko le maungo a a molemo, bo se na kgobelelo le boitimokanyo.

18Mme leungo la tshiamo le jwalwa ka kagiso, le jwalelwa bone ba ba agisang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help