DIPESALEME 149 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa pako le sa tšhaka ya tlhabano

1Haleluya! Opelelang

Morena sefela se sešwa

le pako ya gagwe mo phuthegong

ya baratwi!

2A Iseraele a itumelele

Modiri wa gagwe;

a bana ba Sione ba dudueletse

kgosi ya bona!

3A ba bake leina la gagwe ka dipina,

ba mo leletse moropa le harepa.

4Gonne Morena o natefelwa

ke batho ba gagwe;

o kgabisa ba ba pelonolo

ka pholoso.

5A baratwi ba letse megolokwane

ka tlotlo;

ba duduetse ba le mo malaong

a bona,

6dipôkô tsa Modimo

di le mo melomong ya bona

le tšhaka e e magale mabedi

mo diatleng tsa bona,

7go dirafatsa pusoloso

mo ditšhabeng

le dipetso mo merafeng

8go golega dikgosi tsa yona

ka dikeetane

le batlotlegi ba yona

ka mefiri ya tshipi

9go dirafatsa mo go bona

katlholo e e kwadilweng.

Seo ke tlotlo ya baratwi

ba gagwe.

Haleluya!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help