BAHEBERE 8 - Setswana 1970(TSW70)

Kgolagano e kgologolo ke sekao, mme e a fela. Keresete ke moruanyi wa kgolagano e e molemo bogolo e e sa khutleng

1Mme se segolo sa tse di buiwang fano ke se: Re na le moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo, yo o neng a ya go nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Borena kwa magodimong;

2e le modiredi wa Felo-ga-Boitshepo, wa Taberenakele ya nnete, e Morena o e tlhomileng, e seng motho.

3Gonne moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe o tlhongwa gore a supele dineo le ditlhabelo; ka moo go ne go batlega gore le ene Jesu a nne le sengwe se a ka se ntshetsang Modimo.

4Mme jaanong fa a ka bo a le mo lefatsheng, a ka bo a se moperesiti, ka gonne ba ba supelang dineo ka fa molaong ba teng,

5ke ba ba direlang setshwantsho, e bong moriti wa tse di kwa legodimong, jaaka Moše a laetswe ke Modimo, fa a tla aga Taberenakele. Gonne o rile: “Ela tlhoko gore o dire dilo tsotlhe ka fa setshwantshong se o se bontshitsweng mo thabeng.”

6Mme jaanong Jesu o amogetse tirelo e e gaisang ya pele fela jaaka a le moruanyi wa kgolagano e le yona e e phalang ya pele, e e tlhomamisitsweng mo motheong wa dipolelelopele tse di molemo bogolo.

7Gonne fa kgolagano ele ya ntlha e ka bo e se na nyatsego epe, go ka bo go sa batlelwa ya bobedi bonno.

8Gonne o a ba nyatsa o re:

“Bonang, malatsi a e tla,

go bua Morena,

a ke tla dirang kgolagano

e ntšhwa le Baiseraele

le Bajuta ka ona,

9e seng kgolagano

e e tshwanang

le e nkileng ka e dira

le borraabo ka letsatsi

le ke ne ke ba tshwere

mabogong ka lone

go ba ntsha kwa

lefatsheng la Egepeto;

gonne ga ba a ka ba nna

mo kgolaganong ya me,

le nna ka ba tlhokomologa,

go bua Morena.

10Kana kgolagano e ke tla e

dirang le Baiseraele fa morago

ga malatsi ano ke ya go re:

Ke tla tsenya melao ya me

mo maikutlong a bone,

ke e kwala mo dipelong

tsa bone;

ke tla nna Modimo wa bone,

mme bone ba tla nna morafe

wa me.

Morena a re jalo.

11Go tla bo go sa tlhole

go le ope

yo o rutang mongwe-ka-ene

gongwe morwa-rraagwe a re:

‘Itse Morena!’

gonne ba tla nkitse botlhe,

ba bannye le ba bagolo

ba bone.

12Gonne ke tla itshwarela

ditshiamololo tsa bone,

mme maleo a bone

le ditlolo tsa bone

ga nke ke tlhola ke di gopola

ka gope.”

13Fa o bua o re: “Kgolagano e ntšhwa,” ke go re, ya pele o e dirile e kgologolo. Mme se se nnang segologolo, se se onalang, se gaufi le go nyelela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help