JEREMIA 46 - Setswana 1970(TSW70)

Lefoko la Modimo ka ga merafe e mengwe. Ka ga Egepeto

1Lefoko la Morena le le tlileng kwa go moporofeti Jeremia ka ga ditšhaba.

2Ka ga Egepeto. Ka ga mephato ya batlhabani ba ga Farao Nego, kgosi ya Egepeto, ba ba neng ba le kwa nokeng ya Ferathe kwa Karekemiše, ba ba fentsweng ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele, ka ngwaga wa bone wa puso ya ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta.

3“Baakanyang thebe le thejana,

lo bolole go tlhabana!

4Golegang dipitse lo di palame,

lona bapalami; ikemiseng

lo rwele dikuane tsa ntwa;

gotlhang marumo,

lo apare ditshipi tsa phemelo!

5“Ke ka ntlhaang fa ke bona

ba nyema moko,

ba boela kwa morago?

Bagale ba bone ba fentswe,

ba tshabela pele, ba sa gadime.

Go poitshego mo ntlheng

tsotlhe,”

go bua Morena.

6“Yo o lobelo ga a na go falola;

seganka ga se na go phologa.

Ba kgopilwe ba wa kwa bokone

fa losing lwa noka ya Ferathe.

7Ke mang yo o gogomogang

jaaka Nile,

yo metsi a gagwe a phothoselang

jaaka dinoka?

8Ke Egepeto yo o gogomogang

jaaka Nile;

ke metsi a gagwe

a a phothoselang

jaaka dinoka a re:

‘Ke tla gogomoga,

ke khurumetsa lefatshe,

ke senya motse

le ba ba agileng mo go ona.

9Phalalang, lona dipitse,

kgothoselang,

lona dikoloi tsa ntwa,

bololang, lona diganka,

lona Baethiopia le Baphute

ba lo tshwereng dithebe;

lona Balute ba lo tshwereng

mara, lo a gagamatsa!’ ”

10Letsatsi leo ke la Morena,

Modimo wa masomosomo,

ke letsatsi la pusoloso

gore a ipusolosetse

mo babeng ba gagwe.

Tšhaka ya Morena e tla ja,

e kgora,

e tlhapelwa ka madi a bone.

Gonne Morena,

Modimo wa masomosomo

o na le setlhabelo mo lefatsheng

la bokone kwa nokeng

ya Ferathe.

11Yaa go tsaya boroku jo bo alafang

kwa Gileate,

wena lekgarebe,

morwadia Egepeto!

Mme o batlela ditlhare tse dintsi

lefelafela;

ga o na go fola.

12Ditšhaba di utlwetse

ditlhong tsa gago.

Selelo sa gago

se tletse ka lefatshe.

Mogale o thulanye le mogale,

ba wa mmogo

ka bobedi jwa bone.

Nebukatenesare wa Babele o e tla

13Lefoko le Morena o le buileng le moporofeti Jeremia la go re, Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o tla tla, a kgemetha lefatshe la Egepeto, ke le le reng:

14“Itsiseng kwa Egepeto,

utlwatsang kwa Migetole,

lo bolele kwa Nofe

le kwa Thagephanese lo re:

‘Ikemiseng lo ipaakanye,

gonne tšhaka e ja

ba ba mo tikologong ya lona.’

15Ke ka ntlhaang

fa bapalami ba gago ba digilwe?

Ba paletswe ke go ema,

gonne Morena o ba digile.

16O ba digile ka bontsi, ba wa,

ba welana mo ba bileng ba re:

‘Nanogang, a re boeleng

kwa morafeng wa ga etsho

le kwa lefatsheng

le re tsaletsweng mo go lone,

re tshabe tšhaka e e re fetsang.’

17“Ba ne ba kua teng koo ba re:

‘Farao, kgosi ya Egepeto,

ke modumo wa ntwa fela,’

mme o fositse nako

e e leng yona.

18Ka bophelo jwa me!”

Go bua yona kgosi

e leina la yona

e leng Morena wa masomosomo

e re: “Ee, e tla tla,

fela jaaka thaba ya Thabore

e okame dithaba

le jaaka ya Karemele

e okame lewatle.

19Itirele dilo tsa go ya

mo botshwarong,

wena lekgarebe

le le agileng mo Egepeto.

Gonne Nofe o tla fetoga marope,

o fisiwa, o tlhoka moagi.

20Egepeto ke kgomo

e ntlentle thata;

mme seboba se tlile go e loma,

se tswa kwa bokone.

21Le batlhabani ba gagwe

ba ba rapilweng ka tuelo

ba teng mo go ene

jaaka dipoana

tse di nontshiwang,

ee, le bone ba a retologa,

ba tshaba botlhe,

ba paletswe ke go ema.

Gonne letsatsi la tatlhego

ya bone le ba tletse,

le sebaka sa go otliwa ga bone

se tlile.

22Mokgwasa wa gagwe

o tshwana le wa noga

e e tshabang,

fa baba ba tla ka bontsi,

fa ba tla kwa go ene ka dilepe

jaaka baremi ba ditlhare.

23Ba rema sekgwa sa gagwe,”

go bua Morena,

“ee, sekhu se se sa tsenweng.

Gonne ba feta tsie ka bontsi,

ke ba ba se nang palo.

24Morwadia Egepeto

o tlhabisitswe ditlhong,

a neelwa mo diatleng

tsa morafe wa kwa bokone.”

25 Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile a re: “Itseng gore ke tla otla modimo Amone o o kwa Noo le Farao le Egepeto le medimo ya teng le dikgosi tsa teng, le Farao mmogo le ba ba mo ikanyang.

26Ke tla ba neela mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya, mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, mo diatleng tsa batlhanka ba gagwe. Mme morago ga moo Egepeto o tla agiwa gape jaaka mo malatsing a bogologolo.” Morena o buile jalo.

Morena

o tla sireletsa morafe wa gagwe

27“Mme wena Jakobe,

motlhanka wa me, se boife;

wena, Iseraele, se tshoge!

Gonne bona,

ke tla go pholosa

o le kwa kgakala,

le ba losika lwa gago

mo lefatsheng

la botshwaro jwa bone.

Jakobe o tla boa, a thagama,

a iketla,

go se na yo o mo tshosang.

28Se boife, wena Jakobe,

motlhanka wa me,

ka gonne yo o nang nao

ke Nna.”

Morena o buile jalo.

“Gonne ditšhaba tsotlhe

tse ke go leleketseng

kwa go tsona

ke tla di fedisa,

mme wena ga nka ke

ka go fedisa.

Fela ke tla go otla

ka fa go go tshwanetseng.

Ga nka ke ka go lesa fela

ke sa go betse.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help