GENESI 39 - Setswana 1970(TSW70)

Josefa le mosadi wa ga Photifare

1E rile Josefa a sena go isiwa kwa Egepeto, Photifare, modiredi wa ga Farao, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, monna wa Moegepeto a mo reka mo Baisemaeleng ba ba mo isitseng teng.

2Mme Morena o ne a na le Josefa, a nna monna yo o tlhogonolo, a nna mo ntlong ya morena wa gagwe wa Moegepeto.

3Jaanong ya re morena wa gagwe a bona, fa Morena a na nae, le gona tsotlhe tse a di dirang Morena a di tsweletsa pele sentle,

4Josefa a bona bopelotlhomogi mo go mongwagwe, a mo direla; mme Photifare a mo dira mookamedi wa lelapa la gagwe, a neela tsotlhe tse a nang natso mo taolong ya gagwe.

5Go tloga sebakeng seo a mo dirileng mookamedi wa lelapa la gagwe le wa tsotlhe tse a nang natso ka sona, Morena a tshegofatsa lelapa la Moegepeto ka ntlha ya ga Josefa. Tshegofatso ya Morena e ne e le mo go tsotlhe tse a nang natso mo ntlong le kwa masimo.

6A tlogela tsotlhe tse a di tshotseng mo taolong ya ga Josefa, a sa tshwenyege ka sepe, fa a ntse a na nae, a lebile dijo tse a di jang fela.

Josefa o ne a le montle ka seemo le ka sefatlhego.

7Jaanong ya re morago ga dilo tseo, mosadi wa morena wa gagwe a eletsa Josefa ka matlho, a mo raya a re: “Robala le nna!”

8Mme a gana, a raya mosadi wa morena wa gagwe a re: “Bona, mongwake ga a tshwenyege ka sepe sa tse di mo ntlong, o ikantse nna; tsotlhe tse o nang natso o di neetse mo tisong ya me.

9Ga a ikae mogolo mo ntlong e bogolo go nna. Le gone ga a nkiletse sepe fa e se wena fela ka go re o mosadi wa gagwe. Kana nka dira jang bosula jo bogolo joo, ka leofela Modimo?”

10Le fa a ntse a raela Josefa jalo ka malatsi otlhe, ene a gana go robala nae le go nna nae.

11Jaanong ya re letsatsi le lengwe a tsena mo ntlong go dira tiro ya gagwe, go se na ope wa batho ba lelapa leo mo ntlong,

12mosadi a mo tshwara ka seaparo sa gagwe a re: “Robala le nna!” Mme Josefa a tlogela seaparo mo seatleng sa gagwe, a tshabela kwa ntle.

13Mme ya re mosadi a bona, fa Josefa a tlogetse seaparo mo seatleng sa gagwe, a tshabetse kwa ntle,

14a tlhabela batho ba lapa la gagwe mokgosi, a ba raya a re: “Bonang, Photifare o re tliseditse monna wa Mohebere gore a re sotle. O tlile kwa go nna a re, o robala le nna. Mme ka goa ka lentswe le legolo.

15Mme ya re a utlwa ke tlhatlosa lentswe, ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna, a tshabela kwa ntle.”

16Jaanong a baya seaparo sa gagwe fa thoko ga gagwe go fitlhelela mongwagwe a goroge,

17a mmolelela mafoko ona ao a re: “Motlhanka yo wa Mohebere yo o mo tlisitseng fa go rona, o tlile kwa go nna go ntshotla.

18Mme ya re ke tlhatlosa lentswe ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna, a tshabela kwa ntle.”

19Jaanong ya re morena wa gagwe a utlwa mafoko a mosadi wa gagwe yo o neng a mo reile a re: “Motlhanka wa gago o ntiretse jaana le jaana,” a tuka bogale.

20Mme morena wa ga Josefa a mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo felong fa bagolegwi ba kgosi ba golegelwang teng. Josefa a nna gona mo ntlong ya kgolegelo.

21Mme Morena o ne a na le Josefa, a mo direla ka bopelotlhomogi, a dira gore a kgatlhe mookamedi wa ntlo ya kgolegelo.

22Mme mookamedi wa ntlo ya kgolegelo a neela bagolegwi botlhe ba ba mo ntlong ya kgolegelo mo tisong ya ga Josefa. Tsotlhe tse di dirwang teng tsa dirwa ke ene.

23Mookamedi wa ntlo ya kgolegelo o ne a sa tlhole a tlhokomela sepe se se mo tisong ya ga Josefa, ka Morena a na nae. Tse a neng a di dira Morena a di tsweletsa pele sentle.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help