1Haleluya!
Bakang Modimo
mo Felong ga ona ga Boitshepo;
o bakeng mo loaping
lwa thata ya ona!
2O bakeleng ditiro tse dikgolo
tsa ona,
o bakeng ka fa bogolong
jo bo tletseng jwa ona!
3O bakeng ka tumo ya dinaka;
o bakeng ka harepa le serankure!
4O bakeng ka moropa
le ka dipina,
o bakeng ka dikwadi tsa dithapo
le ka ditlhaka!
5O bakeng ka diphaphatshana
tsa motenyane;
o bakeng ka diphaphatshana
tsa moporo!
6A tsotlhe tse di nang le mowa
di bake Morena!
Haleluya!
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
