DIPESALEME 4 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa maitsiboa

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi; e opedisiwe ka kwadi ya dithapo.

2Fa ke bitsa o nkutlwe,

Modimo wa tshiamo ya me!

Mo pitlaganong ya me

o nkatlhamoloseditse bonno;

ntlhomogele pelo,

o utlwe thapelo ya me!

3Lona banna, tlotlo ya me

e tla nna tshotlo goleele go le kae?

Lo tla rata boithamako

le go batla maaka goleele go le kae?

Sela.

4Itseng gore Morena

o itlhaoletse yo o mo kgatlhang.

Morena o a utlwa

fa ke tlhaeleletsa go ena.

5Galefang, mme lo se leofe;

buang ka dipelo tsa lona

mo malaong a lona,

mme lo didimale. Sela.

6Tlhabang ditlhabelo tsa nnete,

lo ikanye Morena.

7Ba bantsi ba re: “Ke mang

yo o re bontshang se se molemo?

Morena, re sedifaletse

ka lesedi la sefatlhego sa gago.”

8Pelo ya me o e tladitse boitumelo

jo bo fetang jwa bona,

jwa letlotlo la mabele le la bojalwa.

9Ke tla ya go lala ka kagiso,

ke thulamela;

gonne ke wena Morena o le wesi

yo o mphedisang mo kagisong.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help