NUMERI 19 - Setswana 1970(TSW70)

Boitshekiso ka molora wa kgomo e khunwana

1 Morena a ba a raya Moše le Arone a re:

2“Taelo ya molao ke e, e Morena a e laetseng a re: Raya Baiseraele gore ba go tsisetse kgomo e khunwana e e itekanetseng e e se nang bogole e e iseng e rwale joko.

3Lo e neele Eleasare moperesiti, mme e ntshediwe kwa ntle ga bothibelelo, e tlhajwe fa pele ga gagwe.

4Jaanong Eleasare moperesiti a tabole madi a yona ka monwana, a be a a kgatshetse gasupa ntlheng ya mojako wa Tente ya Boipontsho.

5Jaanong kgomo e fisiwe fa pele ga matlho a gagwe, e bong letlalo la yona le nama ya yona le madi a yona, di fisiwe mmogo le moswang wa yona.

6Moperesiti a be a tsee logong lwa mosetere le mosiama le lesela la bohibidu jwa madi, a di latlhele mo gare ga molelo o o fisang kgomo.

7Moperesiti a be a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo o ka tsena mo bothibelelong, mme moperesiti o tla nna a itshekologile go fitlha maitsiboa.

8Le yo o e fisitseng a tlhatswe diaparo tsa gagwe ka metsi, a tlhape mmele ka metsi; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.

9Jaanong a monna yo o itshekileng a ole molora wa kgomo eo, a o tshele mo felong fa go itshekileng kwa ntle ga bothibelelo gore o bolokelwe phuthego ya Baiseraele, o tlhakanngwe le metsi a a tlhatswang boitshekologo. Ke wa setlhabelo sa boleo.

10Le yo o odileng molora wa kgomo a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a itshekologe go ya maitsiboeng. A e nne molao o o nnelang ruri wa Baiseraele le wa baeng ba ba jakang mo gare ga bone go re:

Go ama moswi

11“Yo o amang moswi, le fa e le setoto sa motho ofe, o tla bo a itshekologile malatsi a supa.

12A a tlhape boleo ka ona molora ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, foo o tla itsheka. Mme fa a sa tlhape boleo ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa ga a kitla a itsheka.

13Mongwe le mongwe yo o amang moswi, e bong setoto sa motho yo o suleng, mme a sa tlhape boleo joo, o itshekolotse Tempelana ya Morena. A motho yoo a nyelediwe mo Baiseraeleng. E re ka metsi a a tlhatswang boitshekologo a se ka a kgatshiwa mo go ene, o tla nna a itshekologile. Boitshekologo jwa gagwe bo sa ntse bo le mo go ene.

14“Molao ke o: Fa motho a swela mo tenteng, foo botlhe ba ba tsenang mo go yona le ba ba leng mo go yona ba tla bo ba itshekologile malatsi a supa.

15Le dijana tsotlhe tse di sa khurumelwang ka dikhurumelo tse di bofeletsweng mo go tsona di itshekologile.

16Le mongwe le mongwe yo o amang motho kwa nageng yo o bolailweng ka tšhaka gongwe setoto se sengwe gongwe sefifi sa moswi gongwe phupu o tla bo a itshekologile malatsi a supa.

17“Mme yo o itshekologileng jalo, a ba bangwe ba mo tabolele molora wa setlhabelo seo sa boleo se se fisitsweng, ba tshele metsi a a elang mo go ona o le mo pitseng.

18Jaanong monna yo o itshekileng a tsee mosiama, a o ine mo metsing, a be a kgatshe tente le dilo tsotlhe tsa yona le batho ba ba neng ba le teng le ene yo o amileng sefifi gongwe yo o bolailweng gongwe setoto gongwe phupu.

19Yo o itshekileng a a kgatshe yo o itshekologileng ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, a mo tlhatswe boleo ka letsatsi la bosupa. Jaanong a yo o neng a itshekologile a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape ka metsi; foo o tla bo a itshekile maitsiboa.

20“Mme fa motho yo o itshekologileng a sa tlhape boleo, gona a motho yoo a nyelediwe mo phuthegong. Gonne o itshekolotse Felo-ga-Boitshepo ga Morena, mme metsi a a tlhatswang boitshekologo ga a a ka a kgatshiwa mo go ene; o itshekologile.

21A e nne molao mo go bone o o nnelang ruri. Mme yo o neng a kgatsha metsi a a tlhatswang boitshekologo a tlhatswe diaparo tsa gagwe. Yo o ka amang metsi a a tlhatswang boitshekologo o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.

22Le tsotlhe tse yo o itshekologileng a di amang di tla itshekologa. Le motho yo o mo amang o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help