DIPESALEME 45 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa nyalo ya kgosi

1Pesalome ya boora Kora ya thuto e e kwaletsweng moopedisi e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”. Sefela sa lorato.

2Pelo ya me e fofoma

ka polelo e e monate.

Ke tlhabela kgosi loboko lwa me;

loleme lwa me ke sekwadi

sa mokwadi yo o bobebe.

3O montle thata

go gaisa bana ba motho;

natefo e tshetswe

mo melomong ya gago;

ke gona ka moo Modimo o go

tshegofaditseng ka bosakhutleng.

4Itlame letheka ka tšhaka ya gago,

wena mogale;

e bong ya borena jwa gago

le kgalalelo ya gago.

5Kgalalelong ya gago o tlhogole,

o bolole go lwela boammaaruri

le boikokobetso le tshiamo;

mme a letsogo le le jang la gago

le go rute ditiro tse di boitshegang.

6Metsu ya gago e looditswe,

e tlhaba dipelo tsa baba ba kgosi.

Merafe e wela fa tlase ga gago.

7Sedulo sa bogosi sa gago, Modimo,

ke sa ka gale le sa bosakhutleng.

Thobane ya bogosi jwa gago

ke thobane ya tshiamo.

8O rata tshiamo,

mme tshiamololo o e tlhoile;

ke gona ka moo, Modimo,

Modimo wa gago

o go tloditseng lookwane

lwa boitumelo

go gaisa balekane ba gago.

9Diaparo tsotlhe tsa gago

di nkga mera le mokgwapha

le mookana fela,

dipina tsa dikwadi tsa dithapo

di go itumedisa,

di utlwala mo matlong a borena

a dinaka tsa tlou.

10Bomorwadia dikgosi

ba kgabile mekgabo e mentlentle

ya gago;

mohumagadi o eme

fa letsogong le le jang la gago,

a kgabile ka gouta ya Ofire.

11Reetsa, morwadiaka, o bone,

o sekege tsebe:

Lebala morafe wa ga eno

le lelapa la ga rraago.

12Mme fa kgosi e eletsa

bontle jwa gago,

ka e le mong-wa-go, o mo ikobele.

13Mme bomorwadia Tiro

ba tla batla go go kgatlha ka dineo,

bona ba ba humileng bogolo

mo bathong.

14Morwadia kgosi yo o mo teng

o tletse kgalalelo fela;

diaparo tsa gagwe di logilwe

ka ditlhale tsa gouta.

15O isiwa kwa kgosing

a apere diaparo

tsa melogo e e mebalabala;

makgarebe, baetleetsi ba gagwe,

a isiwa kwa go wena.

16A isiwa ka boitumelo

le meduduetso,

a tsena mo ntlong ya kgosi.

17Mo boemong jwa borraago

go tla ema bomorwao.

O tla ba tlhoma go nna dikgosana

mo lefatsheng lotlhe.

18Ke tla itsise leina la gago

mo ditshikatshikeng tsotlhe;

ka moo merafe e tla go galaletsa

ka gale le ka bosakhutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help