1Bakaulengwe, le nna e rile ke tla koo go lona, ka feta ka lo bolelela tshupo ya Modimo, e seng ka mafoko a a gaisang le e seng ka botlhale jo bogolo.
2Gonne ke ne ke sa ikaelela go lo itsise sepe fa e se Jesu Keresete fela, ene yo o bapotsweng.
3Le gona ke ne ke le mo go lona ka bokoa le poifo le thoromo e kgolo.
4Gape, thuto ya me le thero ya me ga di a ka tsa dirafala ka mafoko a a kgonang ka botlhale, mme e ne e le ka tshupo ya Mowa le ya thata,
5gore tumelo ya lona e se ka ya ema ka botlhale jwa batho, mme e eme ka thata ya Modimo.
6Le gale botlhale re a tle re bo bue mo go ba ba botlalo; mme ga se botlhale jwa lefatshe leno le e seng jwa balaodi ba lefatshe leno ba ba nyelelang.
7Mme re bua botlhale jwa Modimo jo e leng bosaitsiweng, jo bo fitlhegileng, jo Modimo o sa leng o bo rulaganya pele, dipaka di ise di nne teng go re isa kgalalelong,
8jo bo neng bo sa itsiwe ke ope wa balaodi ba lefatshe leno; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo.
9Mme go ntse jaaka go kwadilwe ga twe:
“Tse leitlho le sa di bonang,
tse tsebe e sa di utlwang,
tse di sa tsenang
mo pelong ya motho,
ke tsona tse Modimo
o di baakanyeditseng
bone ba ba o ratang.”
10Mme Modimo o di re senoletse ka Mowa wa ona; gonne Mowa o tlhotlhomisa dilo tsotlhe, le tse di boteng tsa Modimo.
11Kana ke mang mo bathong yo o itseng tse di mo mothong, fa e se mowa wa motho o o mo go ene? Le gona jalo ga go ope yo o itseng tse di mo Modimong fa e se Mowa wa Modimo.
12Mme rona ga re a tshola mowa wa lefatshe, re na le Mowa o o tswang mo Modimong gore re tle re itse dilo tse re di abetsweng ke Modimo;
13tse e bileng re di bolela, e seng ka mafoko a a rutwang ka botlhale jwa botho, mme e le ka a a rutwang ke Mowa o o Boitshepo ka go tlhalosetsa ba Mowa tsa Mowa.
14Mme motho wa nama ga a tshole dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne di bosilo mo go ene, ga a kgone go di tlhaloganya; gonne di ka atlholwa ka Mowa fela.
15Wa mowa o atlhola tsotlhe, mme ene ka esi ga a atlholwe ke ope.
16“Ke mang yo o itsileng boitlhômô jwa Morena go ka mo ruta?” Mme rona re na le boitlhômô jwa ga Keresete.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.