1Dikgosi tsa lefatshe tse Baiseraele ba di fentseng, ba thopa lefatshe la tsona kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi go tloga fa nokeng ya Arenone go ya kwa thabeng ya Heremone le lebala lotlhe la Joretane le le ka kwa botlhabatsatsi, ke tse:
2Ke Sihone, kgosi ya Baamori yo o neng a nna mo Hešebone; a busa go tloga kwa Aroere yo o fa losing lwa noka ya Arenone, le bontlhanngwe jwa molapo le bontlhanngwe jwa Gileate le go fitlha kwa nokeng ya Jaboke e e leng molelwane wa Baamone.
3A busa lebala la Joretane go ya kwa letsheng la Khinerothe kwa botlhabatsatsi le go ya kwa Lewatleng la Lebala la Joretane kwa Lewatleng la Letswai kwa botlhabatsatsi, fa go iwang kwa Bethe-Ješimothe le kwa borwa fa tlase ga mekgokolosa ya Phiseka.
4Ba thopa le naga ya ga Oge, kgosi ya Basane yo e neng e le wa masalela a Barefaime, yo o neng a nna mo Ašetharothe le mo Eterei.
5A busa kwa thabeng ya Heremone le kwa Salega le mo nageng yotlhe ya Basane go ya kwa molelwaneng wa Bakesure le wa Bamaagatha le bontlhanngwe jwa Gileate go ya molelwaneng wa ga Sihone, kgosi ya Hešebone.
6Ke bone ba Moše motlhanka wa Morena o neng a ba fenya le Baiseraele. Lefatshe leo la bone Moše, motlhanka wa Morena, o le abetse Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase go nna boswa.
Dikgosi tse di fentsweng ke Jošua7Dikgosi tsa lefatshe tse Jošua o neng a di fenya a na le Baiseraele ka kwano ga Joretane ntlheng ya bophirimatsatsi go tloga kwa Baale-Gate mo mogorogorong wa Lebanone go ya kwa dithabeng tse di bogonoko tse di tlhatlogelang kwa Seire, ke tse: (Jaanong Jošua a le abela ditso tsa Baiseraele go nna boswa; lotso longwe le longwe lwa newa kabelo ya lone:
8Mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase fa lewatleng le mo lebaleng la Joretane le mo mekgokoloseng le mo sekakeng le mo nageng ya borwa, e bong mo dinageng tsa Bahethe le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.) Dikgosi tsa teng ke tse:
9Ke kgosi ya Jerigo le kgosi ya Ai yo o neng a bapile le Bethele
10le kgosi ya Jerusalema le kgosi ya Heberone
11le kgosi ya Jaremuthe le kgosi ya Lagiše
12le kgosi ya Egelone le kgosi ya Gesere
13le kgosi ya Debire le kgosi ya Getere
14le kgosi ya Horema le kgosi ya Arate
15le kgosi ya Lebena le kgosi ya Adulame
16le kgosi ya Maketa le kgosi ya Bethele
17le kgosi ya Thaphua le kgosi ya Hefere
18le kgosi ya Afeke le kgosi ya Sarone
19le kgosi ya Matone le kgosi ya Hasore
20le kgosi ya Simerone-Merone le kgosi ya Agešafe
21le kgosi ya Thaenage le kgosi ya Megito
22le kgosi ya Keteše le kgosi ya Jokeneame kwa Karemele
23le kgosi ya Dore kwa dithoteng tsa Dore le kgosi ya ditšhaba tsa Gilegala
24le kgosi ya Thiresa. Dikgosi tsotlhe mmogo di ne di le 31.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.