DIPESALEME 3 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa mo mosong

1Pesalome ya ga Dafita ya sebaka sa fa a tshaba Abesalomo morwawe.

2 Morena, kana baganetsi ba me

ba atile jang!

Ba bantsi ba ba ntsogelang,

3ba bantsi ba ba buang ka ga me

ba re:

“Ga a na thuso epe

mo Modimong.” Sela.

4Mme wena, Morena,

o thebe e e ntshireletsang,

o tlotlo ya me

le motsholetsi wa tlhogo ya me.

5Ke tlhaeleleditse thata

go Morena, mme a nkutlwa,

a le mo thabeng ya gagwe

e e boitshepo. Sela.

6Ke ne ka rapama, ka robala;

ka ba ka thanya;

gonne Morena o a nkokotletsa.

7Ga nkitla ke boifa dikete

tse di masome tsa batho

ba ba ntsogetseng ba ntikanyeditse.

8Tloga o eme, Morena; mpholose,

Modimo wa me!

Gonne o iteile baba ba me botlhe

mo lotlhaeng,

o robile meno a baikepi.

9Pholoso e mo Moreneng;

tshegofatso ya gago

e okame morafe wa gago. Sela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help