NUMERI 17 - Setswana 1970(TSW70)

Thobane ya ga Arone

1 Morena a ba a raya Moše a re:

2“Bua le Baiseraele, o tsee mo go bone thobane e le nngwe ya lotso longwe le longwe, e bong mo dikgosaneng tsotlhe tsa ditso tsa bone, e bong dithobane di le 12. O be o kwale leina la mongwe le mongwe mo thobaneng ya gagwe.

3Mme leina la ga Arone o le kwale mo thobaneng ya ga Lefi. Gonne thobane e le nngwe e tla nna ya tlhogo ya lotso longwe le longwe lwa bone.

4O be o di bee mo Tenteng ya Boipontsho fa pele ga Letlole la Tshupo ya Molao kwa ke kopanang le lona gona.

5Jaanong thobane ya monna yo ke mo tlhophang e tla tlhoga; ka mokgwa o ke tla khutlisa dingongorego tsa Baiseraele tse ba lo ngongoregelang ka tsona gore ke se tlhole ke di utlwa.”

6Ya re Moše a bua jalo le Baiseraele, dikgosana tsotlhe tsa bone tsa mo neela dithobane, kgosana nngwe le nngwe ya mo neela thobane e le nngwe ka fa ditsong tsa bone, e bong dithobane di le 12. Mme thobane ya ga Arone ya bo e le mo gare ga dithobane tsa tsone.

7Moše a ba a baya dithobane fa pele ga Morena mo Tenteng ya Tshupo.

8Jaanong ya re kamoso Moše a tsena mo Tenteng ya Tshupo, a fitlhela thobane ya ga Arone ya lotso lwa ga Lefi e tlhogile, e ntshitse matlhare, e thuntse dithunya, e bile e budule maungo a moamantele.

9Moše a ba a tsaya dithobane tsotlhe fa pele ga Morena, a di ntshetsa kwa Baiseraeleng botlhe, ba di bona, mme kgosana nngwe le nngwe ya tsaya thobane ya yona.

10Mme Morena a raya Moše a re: “Busetsa thobane ya ga Arone fa pele ga Letlole la Tshupo ya Molao gore e bolokwe go nna sesupo mo dirukhutlhing, o khutlise dingongorego tsa bone, o di tlose mo go nna gore ba se ka ba swa.”

11Moše a dira jaaka Morena a mo laetse; a dira jalo.

12Mme Baiseraele ba raya Moše ba re: “Bona, re a swa, re a nyelela, re tla fela rotlhe.

13Mongwe le mongwe yo o ka atamelang Tempelana ya Morena o tshwanetse go swa. A re na le go fela ka go swa?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help