GENESI 22 - Setswana 1970(TSW70)

Teko ya ga Aborahame. Setlhabelo sa kwa Moria

1E rile morago ga ditirafalo tse, Modimo wa leka Aborahame, wa mo raya wa re: “Aborahame!” A araba a re: “Ke fano.”

2Ke fa o re: “A ko o tsee morwao yo o esi yo ò mo ratang, ene Isaka, o ye kwa nageng ya Moria, o mo dire setlhabelo sa phiso teng mo go nngwe ya dithaba e ke tla e go supetsang.”

3Ke fa Aborahame a phakela ka moso, a belesa esele ya gagwe, a tsaya batlhanka ba le babedi ba gagwe, le Isaka morwawe, ba ya nae; a fatsa dikgong tsa setlhabelo sa phiso; a tloga a ya kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng.

4Ka letsatsi la boraro Aborahame a tsholetsa matlho, a bona felo foo kgakala.

5Ke fa Aborahame a raya batlhanka ba gagwe a re: “Salang fa le esele, mme nna le mosimane re tla ya fale; e tla re re sena go obamela, re boele kwano go lona.”

6Aborahame a tsaya dikgong tsa setlhabelo sa phiso, a di rwesa Isaka morwawe; a tsaya molelo le thipa ka seatla; bona babedi ba sepela mmogo jalo.

7Ke fa Isaka a raya Aborahame rraagwe a re: “Rra!” A araba a re: “Ke fano, morwaaka!” A ba a botsa a re: “Bona, molelo ke o, dikgong ke tse, mme kwana ya setlhabelo sa phiso e kae?”

8Aborahame a araba a re: “Morwaaka, Modimo o tla ipatlela kwana ya setlhabelo sa phiso.” Bona babedi ba sepela mmogo jalo.

9Ya re ba sena go fitlha kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng, Aborahame a aga aletare teng, a aletsa dikgong, a bofa Isaka morwawe, a mmaya mo aletareng mo godimo ga dikgong.

10Aborahame a ntsha letsogo, a tshwara thipa, a re o tlhaba morwawe.

11Ke fa moengele wa Morena a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aborahame! Aborahame!” A araba a re: “Ke fano!”

12A re: “O se ka wa baya letsogo mo mosimaneng, se mo dire sepe! Gonne jaanong ke a itse gore o boifa Modimo, ka o sa nkganela ka morwao yo o esi.”

13Jaanong ya re Aborahame a tsholetsa matlho, a bona phelehu kwa morago ga gagwe, e tshwerwe dinaka mo sekhung. Aborahame a ya teng, a tsaya phelehu, a e dira setlhabelo sa phiso mo boemong jwa ga morwawe.

14Aborahame a taya felo foo leina a re: “Morena-o-bonye”; ke ka moo ba sa ntseng ba bua ba re: “Mo thabeng ya Morena-o-bonye.”

15Moengele wa Morena a bitsa Aborahame la bobedi a le kwa legodimong

16a re: “Morena a re: Ke ikanne ka nna ka re: E re ka o dirile jalo, o sa nkganela ka morwao yo o esi,

17ke tla go tshegofatsa thata, losika lwa gago ke tla lo ntsifatsa gagolo jaaka dinaledi tsa legodimo le jaaka motlhaba o o fa losing lwa lewatle. Losika lwa gago lo tla thopa metse ya baba ba lone.

18Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago, ka ntlha ya gore o utlwile lentswe la me.”

19Ya baa gona Aborahame a boelang kwa batlhankeng ba gagwe; ba tloga ba ya mmogo kwa Bereseba. Mme Aborahame a nna teng.

20Ya re morago ga dilo tseo, Aborahame a begelwa ga twe: “Bona, Mileka le ene o belegetse Nahore monnao bana.

21E bong Use, morwawe wa ntlha le Buse monnawe, le Kemuele, rraagwe Arame

22le Kesete le Haso le Philetaše le Itelafe le Bethuele.”

23Mme Bethuele a tsala Rebeka. Mileka a belegela Nahore monnawe Aborahame ba ba robedi bao.

24Mogadingwana wa gagwe yo leina la gagwe e leng Reuma, le ene a belega Teba le Kahame le Thahaše le Maaga.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help