DIPESALEME 138 - Setswana 1970(TSW70)

Go lebogela kgololo

1Pesalome ya ga Dafita.

Ke tla go galaletsa

ka pelo yotlhe, ke go opelela pako

fa pele ga medimo.

2Ke tla obamela ke lebile Tempele

e e Boitshepo ya gago,

ke galaletsa leina la gago

ka ntlha ya bopelontle jwa gago

le boikanyego jwa gago;

gonne o godisitse leina la gago

bogolo go tsotlhe.

3O nkutlwile mo letsatsing

le ke go biditseng ka lone,

wa nnaya bopelokgale le thata

mo moweng.

4 Morena, dikgosi tsotlhe

tsa lefatshe di tla go galaletsa,

fa di utlwile mafoko

a molomo wa gago.

5Di tla opela

ka ga ditsela tsa Morena,

ka kgalalelo ya Morena e le kgolo.

6Gonne Morena o godimo,

mme o leba yo o boikokobetso;

mme yo o ikgodisang

ena o mo itse a sa le kgakala.

7Fa ke tsamaya

ke le mo pitlaganong,

ke wena yo o mphedisang;

kgakalo ya baba ba me

o e ntshetsa seatla,

mme letsogo le le jang la gago

le a nthusa.

8 Morena o tla di nkgonela.

Bopelontle jwa gago, Morena,

ga bo na bokhutlo;

se tlogele ditiro tsa diatla tsa gago!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help