JOBE 8 - Setswana 1970(TSW70)

Go bua Biletate

1Ga fetola Biletate wa Sua a re:

2“O tla khutla leng

go bua tse di ntseng jalo,

mafoko a molomo wa gago

e ntse e le phefo e kgolo fela?

3A Modimo o ka kgopamisa

katlholo?

Gongwe a Mong-wa-thata-yotlhe

o ka sokamisa tshiamo?

4Fa bana ba gago

ba ne ba mo leofetse,

a ba neela mo petsong

ya boleo jwa bone.

5Mme fa wena o batla Modimo,

o kopa bopelotlhomogi

mo go Mong-wa-thata-yotlhe

6fa o se na molato,

o le yo o siameng:

Ee, foo o tla go ngoka gape,

a go busetsa tlhogonolo

ya lapa la gago.

7Foo tlhogonolo ya ntlha ya gago

e tla bonala, e ne e le nnyane,

mme tlhogonolo ya morago

e tla nna e kgolo thata.

8Ee, a ko o botse batho ba kgale,

o ele tlhoko se borraabo

ba se tlhotlhomisitseng!

9Gonne rona re ba maabane,

ga re itse sepe;

malatsi a rona fatsheng

ke moriti fela.

10A ga ke re, bone ba tla go ruta,

ba go bolelela,

ba go ntshetsa mafoko

ka fa kitsong ya dipelo tsa bone?

11Ba re: A lotlhaka lo ka gola

fa go se nang bokgola?

A motlhatlha o ka gola,

o se na metsi?

12Fa e le gona lo tlhogang,

lo ise lo butswe go ka segwa,

lo tla swaba

pele ga bojang jotlhe.

13Ke yona tsela ya botlhe

ba ba lebalang Modimo,

mme tsholofelo ya moikepi

e a nyelela.

14O ikgantsha ka tse di nyelelang;

tse a di ikanyang

ke bobi jwa segokgo fela.

15O ikaega ka ntlo ya gagwe,

mme ga e nke e ema;

o itshwarelela mo go yona,

mme ga se e e tlhomameng.

16O gola sentle a tletse matute,

le fa go le letsatsi;

matlhogela a gagwe

a farafara tshimo ya gagwe.

17Medi ya gagwe e raraana

mo mokoeng wa matlapa;

e itshwarelela mo gare ga mafika.

18Mme fa a kumolwa

mo felong ga gagwe,

gona go tla mo latola go re:

‘Ga ke ise nke ke go bone.’

19Bona, ke jona boitumelo

jwa bophelo jwa gagwe,

mme yo mongwe

o tla tlhoga loroleng.

20Bona, Jobe!

Modimo ga o latlhe

yo o o boifang,

mme ga o eme basenyi nokeng.

21Molomo wa gago

o tla o tlatsa setshego gape

le legano la gago tuduetso.

22Ba ba go tlhoileng

ba tla apara tsa ditlhong;

lelapa la baikepi

ga le nke le tlhola le nna teng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help