2 DITIRAFALO 3 - Setswana 1970(TSW70)

Kago ya Tempele(1 Dikg. 6:1-38)

1Salomo a simolola go aga Ntlo ya Morena mo Jerusalema thabeng ya Moriya, kwa Morena o neng a iponaditse teng mo go Dafita rraagwe, mo felong fa Dafita o neng a go etleeditse mo seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi.

2O ne a simolola go aga ka letsatsi la bobedi la kgwedi ya bobedi ya ngwaga wa bone wa puso ya gagwe.

3E rile Salomo a simolola go aga Ntlo ya Modimo, a e thaya jaana: Boleele jwa nna mabogo a le 60 ka fa selekanyong sa pele, bophara jwa nna mabogo a le 20.

4Matseno a a neng a le fa mojako boleele jwa ona jo bo tsamayang le bophara jwa Ntlo e le mabogo a le 20; bogodimo jwa ona e le mabogo a le 20; a a manega gouta e e sa pekwang ka mo teng.

5Ntlo e kgolo a e manega dipati tsa mesiperese, a ba a e manega gouta e e sa pekwang; a dira ditshwantsho tsa mekolane le tsa dikeetane tsa dithunya mo go yona.

6A ba a manega Ntlo ya Modimo majwana a a tlhokegang go e kgabisa. Gouta e ne e tswa kwa Pharwaime.

7Le gona a manega Ntlo ya Modimo gouta, e bong ditlhomeso le direpodi le dipota tsa yona le ditswalo tsa yona; a seta boKerubime mo dipoteng.

8A ba a dira Ntlo e e Boitshepo-jwa-Maitshepo; boleele jwa yona jo bo tsamayang le bophara jwa Tempele jwa nna mabogo a le 20, le bophara jwa yona jwa nna mabogo a le 20; a e manega gouta e e sa pekwang ya ditalente di le 600.

9Bokete jwa dimapo e ne e le dišekele di le 50 tsa gouta. Le matlwana a a kwa godimo a a manega gouta.

10A ba a dira boKerubime ba le babedi mo Ntlong e e Boitshepo-jwa-Maitshepo, e le tiro ya botswerere, a ba manega gouta.

11Boleele jwa diphuka tsa boKerubime e ne e le mabogo a soma mabedi mmogo; lofuka lwa mongwe lwa mabogo a le matlhano lo ama lobota lwa Ntlo ka fa, lofuka lo longwe lwa mabogo a matlhano lo amana le lofuka lwa Kerubime yo mongwe fa gare.

12Lofuka lwa Kerubime yo mongwe lwa mabogo a matlhano le lone lo ama lobota lwa Ntlo ka fale; lofuka lo longwe lwa mabogo a matlhano lo kopana le lofuka lwa Kerubime yo mongwe fa gare.

13Diphuka tseo tsa boKerubime tsa bo di tsharologile mabogo a le 20; ba bo ba eme ka dinao, ba lebisitse difatlhego kwa Ntlong.

14A ba a dira lesire le masela a mabududu le a mahibidu a bofifadu le a mahibidu a madi le a masweu, a dira ditshwantsho tsa boKerubime mo go lone.

Maotwana a mabedi a kgotlho(1 Dikg. 7:15-22)

15A ba a dira maotwana a mabedi a boleele jwa mabogo a le 35 ntlheng ya botlhabatsatsi ya Ntlo ya Modimo; ditlhogo mo godimo ga ona, bogodimo jwa tsona e ne e le mabogo a le matlhano.

16A ba a dira dikeetane jaaka sebaga, a di gokelela mo ditlhogong tsa maotwana; a ba a dira digaranata di le 100, a di gokelela mo dikeetaneng.

17A ba a tlhoma maotwana fa mojakong wa Tempele, le lengwe ntlheng ya le le jang, le lengwe ntlheng ya la molema. Le le mo ntlheng ya le le jang a le bitsa Jagine, le le mo ntlheng ya la molema a le taya leina la Boase.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help