JESAYA 36 - Setswana 1970(TSW70)

Saneheribe o batla go lwa le Jerusalema(2 Dikg. 18:13-27; 2 Ditiraf. 32:1-19)

1E rile ka ngwaga wa 14 wa kgosi Hesekia, Saneheribe, kgosi ya Asiria, a bololela metse yotlhe e e femetsweng ya Juta, a e thopa.

2Ke fa kgosi ya Asiria e roma mothoki yo mogolo kwa go kgosi Hesekia kwa Jerusalema, a na le mephato e megolo ya batlhabani, a tswa kwa Lagiše; a tla a ema fa moseleng wa letsha le le kwa godimo fa tseleng ya tshimo ya motlhatswi wa masela.

3Ke fa Eliakime, morwa Hilekia, yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi, le Sebena, mokwaledi, le Joa morwa Asafe, seatla sa kgosi, ba tswela kwa go ene.

4Mme mothoki yo mogolo a ba raya a re: “A ko lo bolelele Hesekia lo re: ‘Kgosi e kgolo, kgosi ya Asiria, e bua jaana e a re: Ke eng se o se ikanyang se se ikanyegang?

5A wena o a re, go bua mafoko fela ke one maano le thata ya ntwa? Jaanong he, o ikanya mang, fa o ntsogetse?

6Bona he, o ikanya seikokotlelo seo sa lotlhaka lo lo pšhwetlegileng sa Egepeto, lo e ka reng fa motho a ikaega ka lone, lwa mo tsena mo seatleng, lwa se phunya: Farao, kgosi ya Egepeto, o direla botlhe jalo ba ba mo ikanyang.

7Mme fa o ka nthaya o a re: Re ikanya Morena, Modimo wa rona. A ga se ona o Hesekia o tlositseng dithota tsa ditlhabelo tsa ona le dialetare tsa ona, a raya Juta le Jerusalema a re: Obamelang fela fa pele ga aletare e?

8Mme jaanong, a ko o dire peelano le morena wa me, kgosi ya Asiria: Ke tla go naya dipitse di le kete tse pedi, fa o kgona go ntsha bapalami ba tsona.

9Mme o ka leleka jang batlhasedi ba molaodi a le mongwe fela wa batlhanka ba ba botlana ba morena wa me? Kampo a o ikanya Egepeto ka ntlha ya dikoloi tsa ntwa le ka ntlha ya bapalami ba dipitse?

10Mme jaanong a o a re ke bololetse go senya lefatshe leno ke sa laelwa ke Morena? Nnyaya! Morena o ntheile a re: Bololela lefatshe leo, o le senye!’ ”

11Ke fa Eliakime le Sebena le Joa ba raya mothoki yo mogolo ba re: “A ko o bue le batlhanka ba gago ka Sesiria, gonne re a se utlwa. Se bue le rona ka Sejuta mo ditsebeng tsa batho ba ba mo loboteng.”

12Mme mothoki yo mogolo a fetola a re: “A morena wa me o nthomile kwa moreneng wa gago le kwano go wena go bua mafoko a? A ga a nthoma kwa banneng ba ba ntseng mo loboteng gore ba je mantle a bone, ba nwe moroto wa bone mmogo le bona?”

13Mothoki yo mogolo a ba a ema fa gaufi, a kua ka kodu e e kwa godimo ka Sejuta a re: “Utlwang mafoko a kgosi e kgolo, a kgosi ya Asiria!

14Kgosi e buile jaana ya re: ‘A Hesekia a se ka a lo tsietsa! Gonne ga a kgone go lo pholosa.

15Le gona a Hesekia a se ka a lo ikanyisa Morena ka go re: Ruri, Morena o tla re pholosa. Motse o ga o nke o neelwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria.

16Lo se ka lwa utlwa Hesekia! Gonne kgosi ya Asiria e bua jaana e a re: Agisanyang le nna, lo tswele kwano go nna. Foo mongwe le mongwe wa lona o tla ja moweine wa gagwe le mofeie wa gagwe le go nwa metsi a sediba se gagwe;

17go ya go fitlhela ke tle ke lo tseele kwa lefatsheng le le tshwanang le la lona, kwa lefatsheng la mabele le matute a moweine, kwa lefatsheng la bogobe le masimo a moweine.

18A Hesekia a se ka a lo aketsa a lo raya a re: Morena o tla re pholosa! A mongwe wa medimo ya ditšhaba o kile wa pholosa lefatshe la ona mo seatleng sa kgosi ya Asiria?

19E kae medimo ya Hamathe le ya Arephate? E kae medimo ya Sefarwaime? A e ne ya golola Samaria mo seatleng sa me?

20Ke efe medimo mo medimong yotlhe ya mafatshe e e kileng ya pholosa mafatshe a yona mo seatleng sa me, fa lo re, Morena o tla pholosa Jerusalema mo seatleng sa me?’ ”

21Mme ba didimala fela, ba se ka ba mo fetola ka lefoko lepe. Gonne taelo ya kgosi e ne e re: “Lo se ka lwa mo araba!”

22Ke fa Eliakime, morwa Hilekia, yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi, le Sebena, mokwaledi, le Joa morwa Asafe, letsogo la kgosi, ba tla kwa go Hesekia, ba ikgagotse diaparo, ba mo itsise mafoko a mothoki yo mogolo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help