DOITERONOMIO 34 - Setswana 1970(TSW70)

Loso lwa ga Moše

1Jaanong Moše a tloga kwa mabaleng a Moabe, a tlhatlogela mo thabeng ya Nebo setlhoeng sa Phiseka e e lebaganyeng le Jerigo. Mme Morena a mmontsha lefatshe lotlhe la Gileate go ya kwa go la Dane

2le la Nafetale lotlhe le lefatshe la Eferaime le Manase le lefatshe lotlhe la Juta go ya lewatleng la bophirimatsatsi

3le naga ya borwa le molapo wa Joretane le lebala la Jerigo, motse wa mekolane, go ya kwa Soare.

4Morena a ba a mo raya a re: “Ke lone lefatshe le ke le ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe ka re: ‘Ke tla le naya losika lwa gago.’ Ke le go bontshitse gore o le bone ka matlho fela, mme ga o kitla o tshelela gona.”

5Mme Moše, motlhanka wa Morena, a swela teng kwa lefatsheng la Moabe ka fa lefokong la Morena.

6Morena a mo fitlha mo mogorogorong kwa lefatsheng la Moabe fa go lebaganyeng le Bethe-Pheore, mme go se na ope yo o itseng phupu ya gagwe go fitlha letsatsing leno.

7E rile Moše a swa, a bo a le dinyaga di le 120. Leitlho la gagwe le ne le sa koafala le thata ya gagwe e ne e sa ngotlege.

8Baiseraele ba lelela Moše mo mabaleng a Moabe malatsi a le 30; ya ba gona malatsi a go lelela le go hutsafalela Moše a felang.

9Mme Jošua, morwa Nune o ne a tletse mowa wa botlhale, gonne Moše o ne a mmeile diatla. Mme Baiseraele ba mo utlwa, ba dira jaaka Morena a laetse Moše.

10Mme ga se ka ga tlhola go tsoga moporofeti gape mo Iseraeleng yo o tshwanang le Moše yo Morena o neng a kopana nae ba lebagantse difatlhego;

11go se ope yo o tshwanang nae ntlheng ya ditshupo tsa mefutafuta le dikgakgamatso tse Morena o neng a mo roma gore a di dire kwa lefatsheng la Egepeto mo go Farao le mo batlhankeng botlhe ba gagwe le mo lefatsheng lotlhe la gagwe

12le ntlheng ya maipontsho otlhe a letsogo le le tiileng le ditiro tse dikgolo tsotlhe tse di boifisang tse Moše o neng a di dira mo matlhong a Baiseraele botlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help