1Lokwalo lwa lotso lwa ga Jesu morwa Dafita, morwa Aborahame.
2Aborahame o ne a tsala Isaka; Isaka a tsala Jakobe; Jakobe a tsala Juta le bomorwa-rraagwe.
3Juta le Thamare ba tsala Pherese le Sera; Pherese a tsala Heserone; Heserone a tsala Rame;
4Rame a tsala Aminatabe; Aminatabe a tsala Nasone; Nasone a tsala Salema;
5Salema le Rahabe ba tsala Boase; Boase le Ruthe ba tsala Obete.
6Obete a tsala Isai; Isai a tsala kgosi Dafita.
7Salomo a tsala Rehabeame; Rehabeame a tsala Abia; Abia a tsala Asa;
8Asa a tsala Josafate; Josafate a tsala Jorame; Jorame a tsala Usia;
9Usia a tsala Jothame; Jothame a tsala Ahase; Ahase a tsala Hesekia;
10Hesekia a tsala Manase; Manase a tsala Amone; Amone a tsala Josia;
11Josia a tsala Jegonya le bomorwa-rraagwe ka sebaka sa go hudusediwa kwa Babilone.
12E rile morago ga go hudusediwa kwa Babilone, Jegonya a tsala Salathiele; Salathiele a tsala Serubabele;
13Serubabele a tsala Abiute; Abiute a tsala Eliakime;
14Eliakime a tsala Asore; Asore a tsala Satoke; Satoke a tsala Agime; Agime a tsala Eliute;
15Eliute a tsala Eleasare; Eleasare a tsala Mathane; Mathane a tsala Jakobe;
16Jakobe a tsala Josefa, monna wa ga Maria yo o belegeng Jesu yo o bidiwang Keresete.
17Jalo he ditshika tsotlhe, go simolola ka Aborahame go tla go fitlha mo go Dafita, ke ditshika di le 14; le go tswa mo go Dafita go tla go fitlha mo sebakeng sa go hudusediwa kwa Babilone ke ditshika di le 14; le go tswa mo sebakeng sa go hudusediwa kwa Babilone go tla go fitlha mo go Keresete ke ditshika di le 14.
18Go tsalwa ga Jesu Keresete go ne go le jaana: E rile Maria mmaagwe a sena go beelelwa ke Josefa, ba ise ba kopane, a bonwa a le moimana ka Mowa o o Boitshepo.
19Josefa, lekau la gagwe, ka a siame, mme a sa rate go mo tlhabisa ditlhong, a ikaelela go mo tlhanogela mo sephiring.
20Ya re a ntse a akanya jalo, moengele wa Morena a bonala fa go ene ka toro a re: “Josefa, morwa Dafita, se boife go tsaya Maria go nna mosadi wa gago; gonne boimana jwa gagwe bo tswa mo Moweng o o Boitshepo.
21O tla belega mosimane, mme wena o bitse leina la gagwe Jesu; gonne ke ene yo o tla gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.”
22Gotlhe moo go dirafetse gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moporofeti a re:
23“Bonang, lekgarebe le tla ima, le belega mosimane; mme ba tla bitsa leina la gagwe Imanuele.” Ka phetolo ke go re: “Modimo o na le rona.”
24Ya re Josefa a tsoga mo borokong, a dira ka fa moengele wa Morena a mo laetseng ka teng, a tsaya mosadi wa gagwe;
25mme a se ka a kopana nae ga tsamaya a belega ngwana wa ntlha wa gagwe wa mosimane; a ba a bitsa leina la gagwe Jesu.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
