Tshenolo 7 - Living Tswana New Testament 1993(LEF)

Palo ya Baiseraele ba ba nang le lotshwao

1Mme ka bona baengele ba le bane ba eme mo dikhutlong tse nne tsa lefatshe, ba tshwere diphefo tse nne gore di seka tsa foka, gore lekakaba lepe le se ka la nna le mokgwasa mo ditlhareng, mme lewatle la nna borethe jaaka galase.

2Mme ka bona moengele yo mongwe a tswa kwa botlhaba, a tshotse sekano se segolo sa Modimo o o tshelang. Mme a goa baengele ba bane ba ba neng ba neetswe nonofo go tlhokofatsa lefatshe le lewatle, “Iketleng!

3Namang lo ise lo dire sepe, se tlhokofatseng lefatse kgotsa lewatle kgotsa ditlhare, go fitlhelela re se na go baya sekano sa Modimo mo diphatleng tsa batlhanka ba one.”

4-8Ke ba le kae ba ba neetsweng lotshwao lo? Ke ne ka utlwa gotwe palo ya bone ke dikete di le lekgolo le masome a masome a mane le bone, mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele tse di lesome le bobedi, jaaka di rulagantswe fa: Juda 12,000 Rubene 12,000, Gade 12,000, Ashe 12,000, Nafetali 12,000, Manasa 12,000, Simeone 12,000, Lefi 12,000, Isekare 12,000, Sebulane 12,000, Josefa 12,000, Benjamine 12,000.

Bontsintsi jo bo apereng bosweu

9Morago ga mo ka bona bontsintsi jo bogolo jwa batho, bo le bogolo thata mo bo neng bo se ka ke jwa balwa, go tswa mo merafeng yotlhe le mo mafatshing le dipuo (diteme), bo eme fa pele ga setilo sa bogosi le fa pele ga Kwana, bo apere bosweu bo tshotse dikala tsa mokolane ka diatla.

10Mme ba ne ba goa mo go boitshegang ba re, “Poloko e tswa mo Modimong wa rona o o ntseng mo setilong sa bogosi, le mo go Kwana.”

11Mme jaanong baengele botlhe ba bo ba dikaganyeditse setilo sa bogosi le bagolwane le ditshedi tse nne, ba digile difatlhogo fa pele ga setilo sa bogosi ba obamela Modimo.

12Ba re, “Amen! Pako, le kgalalelo, le botlhale, le malebogo, le tlotlo, le nonofo, le thata di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng. Amen!”

13Hong mongwe wa bagolwane ba ba masome a mabedi le bone a mpotsa a re, “A o itse gore ba ke bo mang ba ba apereng bosweu le gore ba tswa kae?”

14Ka re, “Nnyaa, Morena, tswee-tswee mpolelela.” A re, “Ba ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse ka madi a Kwana.

15Ke gone ka moo ba leng fano fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo, ba mo direla bosigo le motshegare mo tempeleng ya gagwe. Yo o ntseng mo setilong sa bogosi o tlaa ba sireletsa;

16ga ba kitla ba tlhola ba tshwarwa ke tlala gape, kgotsa lenyora, mme ba tlaa sirelediwa ka botlalo mo mogoteng o o fisang wa letsatsi.

17Gonne Kwana yo o emeng fa pele ga setilo sa bogosi o tlaa nna modisa wa bone a bo a ba etelela pele a ba isa kwa metsweding ya metse a Botshelo. Mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsa bone.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help