Bakorintha I 8 - Living Tswana New Testament 1993(LEF)

Dijo tse di abelwang medimo ya disetwa

1Gape ke potso ya lona kaga go ja dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa. Mo potsong e mongwe le mongwe o ikutlwa gore karabo ya gagwe fela ke yone e e siameng! Mme le fa go ntse jalo go nna “moitse wa tsotlhe” go re dira gore re ipone botoka, mme se se tlhokegang tota, go aga phuthego ke lorato.

2Fa mongwe a akanya gore o itse dikarabo tsotlhe, o supa bosenakitso jwa gagwe fela.

3Mme motho yo o ratang Modimo ka boammaaruri ke yo o bulegetseng kitso ya Modimo.

4Jaanong ke eng kaga gone? A re tshwanetse go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa? Ee, re a itse gore modimo wa sesetwa ga se Modimo tota, le gore go na le Modimo o le mongwe fela, mme e seng ope gape.

5Ka fa bathong ba bangwe, go na le medimo e megolo e le mentsi kwa legodimong le mo lefatsheng.

6Mme rona re itse gore go na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo o dirileng dilo tsotlhe a bo a re dira gore re nne ba gagwe; le Morena a le mongwe fela ebong Jesu Keresete, yo o dirileng sengwe le sengwe a bo a re naya botshelo.

7Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba bangwe ga ba lemoge selo se. Mo matshelong a bone otlhe ba ntse ba akantse medimo ya disetwa gore e a tshela, le go dumela gore dijo tse di diretsweng medimo ya disetwa di neetswe medimo tota. Jalo fa ba a ja dijo tseo di a ba sulafalela ebile di koafatsa digakolodi tsa bone.

8Gakologelwang fela gore Modimo ga o tlhokomele fa re di ja kgotsa re sa di je. Ga re molato fa re sa di je, ebile ga re botoka fa re di ja.

9Mme itlhokomele gore o se ka wa dirisa kgololesego ya gago go di ja, e se re kgotsa wa leofisa mokaulengwe mongwe yo o nang le tumelo e e bokoa.

10O a bona, se ke se se ka diragalang: Mongwe yo o akanyang go le phoso go ja dijo tse o tlaa go bona o o ja kwa tlung ya dijo ya Tempele, gonne o a itse fa go sena molato mo go tsone. Mme lo tlaa nna pelokgale thata go di ja le ene le fa ka nako tsotlhe a ntse a ikutlwa e le phoso.

11Jalo ka gore o “itse gore go siame go di ja,” o tlaa bo o tshwanetse go arabela go dira tshenyego e kgolo ya semowa mo mokaulengweng yo o nang le segakolodi se se boruma, yo Keresete a mo swetseng.

12Mme ke sebe kgatlhanong le Keresete go leofela mokaulengwe wa gago ka go mo kgothatsa go dira sengwe se a akanyang se le phoso.

13Jalo fa nama e e ntshediwang medimo ya disetwa e tlaa leofisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke e ja mo botshelong jwa me, ka gore ga ke batle go mo leofisa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help