Luke 14 - Living Tswana New Testament 1993(LEF)

Jesu o ruta mo lwapeng lwa Mofarasai

1-2Mme ka Sabata nngwe ya re a le mo lwapeng lwa leloko lengwe la Lekgotla la Sejuta, Bafarasai ba bo ba mo lebeletse thata jaaka bophakalane go bona gore a o tlaa fodisa monna yo o neng a le foo a lwala go tlala metsi mo ditokololong.

3Mme Jesu a raya Bafarasai le bomaitseanape ba ba neng ba le foo a re, “A go kafa molaong go fodisa motho ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?”

4Mme ya re ba gana go mo araba, Jesu a tshwara monna yo o lwalang ka letsogo a mo fodisa a mo rebola go tsamaya.

5Hong a retologela kwa go bone: A botsa a re, “Ke ofe wa lona yo o sa direng ka letsatsi la Sabata? Fa kgomo ya gago e wela mo sedibeng, a ga o ka ke wa tswelela pele go e ntsha ka bonako?”

6Gape ba tlhoka karabo.

7Mme erile fa a lemoga fa batho botlhe ba ba tsileng dijong ba leka go nna gaufi le lomati lwa bojelo, a ba gakolola a re:

8“Fa lo laleditswe modiro wa nyalo, lo se ka lwa aga lo lwela go nna kwa mannong a a botoka. Gonne fa mongwe yo o tlotlegang thata go lo gaisa a goroga,

9ene yo o laleditseng o tlaa mo lere fa o ntseng gone mme a re, ‘A monna yoo a nne fa mo boemong jwa gago’. Mme wena, ka ditlhong o tlaa tshwanelwa ke go nna mo setilong se se setseng kwa morago ga lomati lwa bojelo!

10“Jaanong dira se mo boemong jwa seo, simolola kwa morago; mme fa yo o go laleditseng a go bona, o tlaa tla a go raya a re, ‘Tsala, re go bonetse bonno jo bo botoka go na le jo! Hong o tlaa tlotlega fa pele ga balalediwa ba bangwe botlhe!

11Gonne mongwe le mongwe yo o lekang go itlotla o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ikokobetsang o tlaa tlotlwa.’ ”

12Hong a retologela kwa go yo o mo laleditseng a re, “E re fa o dira dijo, o se ka wa laletsa ditsala, bomorwarrago, bagaeno, le bahumi! Gonne le bone ba tlaa go laletsa.

13Mme mo boemong jwa mo, o laletse bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu.

14Hong e tlaa re ka tsogo ya basiami, Modimo o tlaa go duelela go laletsa ba ba se ka keng ba go laletsa.”

Sekai ka modiro o mogolo

15Erile monna mongwe yo o neng a ntse fa lomating lwa bojelo le Jesu a utlwa dilo tse a goa a re, “Go tlaa nna boitumelo jo bo kae go tsena mo Bogosing jwa Modimo!”

16Mme Jesu a fetola ka setshwantsho se: “Monna mongwe o kile a baakanya modiro o mogolo mme a dira ditaletso tse dintsi.

17Erile fa gotlhe go siame, a roma motlhanka wa gagwe go itsise balalediwa gore ke nako ya gore ba tle.

18Mme botlhe ba simolola go dira diipato. Mongwe a re, ke gone fela o neng a reka tshimo mme o batla go ya go e bona, mme a kopa go itshwarelwa.

19Yo mongwe a re ke gone fela a neng a reka sepane sa dipholo tse some mme o batla go di lekeletsa.

20Yo mongwe e ne e le gone fela a neng a nyala, ka lebaka leo ga aa ka a tla.

21“Motlhanka a boa a ya go bolelela mong wa gagwe se ba se buileng. Mong wa gagwe a gakatsega thata mme a mo raya a re, itlhaganelele mo mebileng le mo dikgorong tsa motse o laletse bakopi, digole, batlhotsi le difofu.

22Mme ga bo go santse go na le phatlha.

23“Mong wa gagwe a re, ‘Go siame, jaanong tswela mo diferwaneng tsa motse le mo morago ga dikgoro o kope mongwe le mongwe yo o mmonang go tla, gore ntlo e tle e tlale.

24Gonne ga go ope mo go ba ke ba laleditseng pele yo o tlaa itatswang mo go se ke se ba baakanyeditseng.’ ”

Tsela ya go nna morutwa wa ga Jesu

25Mme batho ba bantsi ba ne ba mo setse morago. Hong a retologa a ba raya a re,

26“Fa mongwe a batla go nna molatedi wa me o tshwanetse go nthata bogolo go gaisa rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomonnawe kgotsa bokgaitsadie-ee, go gaisa le jone tota botshelo jwa gagwe, kwa ntle ga moo ga a ka ke a nna morutwa wa me.

27Ebile ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa sikare mokgoro wa gagwe a ntshala morago.

28“Mme lo se ka lwa simolola go fitlhelela lo bala tlhwatlhwa. Gonne e mang yo o ka simololang kago, kwa ntle ga go bona pele tekanyo le go bona gore a o na le madi a a lekanyeng go duela melato.

29E seng jalo, o ka kgona go fetsa motheo pele ga a tlhaelelwa ke madi. Mme ka ntlha ya moo mongwe le mongwe o ka mo tshega jang!

30“Mme ba tlaa mo sotla ba re, ‘A lo bona motho yo o fa yole? O simolotse kago ele mme o tlhaeletswe ke madi pele ga a e fetsa!’

31“Kgotsa ke efe kgosi e e ka lorang go ya ntweng pele ga e nna fa fatshe le bagakolodi ba yone ba buisanya gore a masole a selekanyo sa dikete tse di lesome a itekanetse go ka fenya a a dikete tse di masome a mabedi a a kgatlhanong nae?

32Mme fa mogopolo o sa kgonege, e re fa masole a mmaba a sa le kgakala, e rome batsereganyi go buisanya ka mafoko a kagiso.

33Jalo ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa nna fa fatshe pele ga a bala masego a gagwe, mme a a latlhela otlhe mo go nna.

34Tshiamo ya letswai ke eng fa le latlhegetswe ke molodi?

35Letswai le le senang molodi ga le na tiro le fa e le go nna monontshane. Ga le na tiro mme le tshwanetse go latlhelwa kwa ntle. Reetsang sentle, fa lo batla go tlhaloganya phuthololo ya me.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help