Petere I 5 - Living Tswana New Testament 1993(LEF)

Bagolo le bana

1Mme jaanong, ke laya lona bagolwane ba phuthego. Le nna, ke mogolwane; ka matlho a me ke bonye Keresete a a swa mo mokgorong; le nna, ke tlaa tlhakanela kgalalelo le Tlotlo ya gagwe fa a bowa. Bagolwane ka nna, se ke kopo ya me mo go lona:

2otlang letsomane la Modimo; le tlhokomeleng, e seng ka go patika; e seng ka tsholofelo ya go tsaya sepe mo go lone, mme e leng ka ntlha ya gore lo tlhagafaletse go direla Morena.

3Lo se nne badipa, mme lo ba goge ka go nna sekao se se siameng.

4Mme e tlaa re fa Modisa yo Mogolo a tla, tuelo ya lona e tlaa nna seabe se se senang bokhutlo mo kgalalelong le mo tlotlong ya gagwe.

5Lona makawana, lo nne kutlo mo go ba bagolwane. Mme lotlhe lo direlane ka mewa e e kokobetseng, gonne Modimo o naya ba ba ikokobetsang masego a a faphegileng, mme o tlhabana le ba ba ikgogomosang.

6Fa lo ikokobetsa fa tlase ga seatla se segolo sa Modimo, mo lobakeng lwa One lo lo siameng o tlaa lo tsholetsa.

7Mo letleng go tsaya dingongorego tsotlhe tsa lona le dipabalelo, gonne o lo akanyetsa ka metlha yotlhe o bile o lebeletse sengwe le sengwe se se lo amang.

8Itlhokomeleng, lo lebeleleng ditlhaselo tse di tswang kwa go Satane, mmaba, wa lona yo mogolo. O potologa jaaka tau e e dumang e e bolailweng ke tlala, o batla mongwe go mo gagolaka.

9Nitamang fa a tlhasela. Ikanyeng Morena; lo bo lo gakologelwe gore Bakeresete ba bangwe mo tikologong ya lefatshe le bone ba raletse dipogiso tse.

10Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa rona yo o tletseng bopelo-tlhomogi ka Keresete, o tlaa lo naya kgalalelo ya One e e sa khutleng. One ka boone o tlaa lo tsholetsa, mme o lo tlise, o lo thatafatse go gaisa ka metlha.

11Mo go One a go nne nonofo mo dilong tsotlhe, ka metlha. Amen.

Bokhutlo

12Ke lo romelela lokwalo lo lo khutshwane lo ka bopelonomi jwa ga Silefano yo, mo mogopolong wa me, e leng mokaulengwe yo o ikanyegang thata. Ke solofela gore ke lo kgothaditse ka lokwalo lo gonne ke lo neile bosupi jwa boammaaruri ka fa Modimo o segofatsang ka teng. Se ke se lo boleletseng fa se tshwanetse go lo thusa go nitama mo loratong lwa One.

13Phuthego e e mono Roma, ke mokaulengwe wa lona mo Moreneng, e a lo dumedisa; le morwaake Mareko.

14Dumedisanang ka mabogo go supa lorato lwa Sekeresete. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete.

Ke nna,

Petere

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help